Baithuti ba YBB ba matlafatsa bawa ba Sonderwater






POTCHEFSTROOM - Baithuti ba Onase ba Neeletsanyo ya Tlhabololo ba mo Fakalthing ya Diatshe ka Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka porojeke ya GIRLL(Girls in risk reduction leadership) ba thusitse bawa ba ba 21 ka mo morafeng wa Sonderwater mme ba ba matlafatsa ka bokgoni.

Baithuti ba ba tlhano, Kristel Fourie, Yolanda Maartens, Jeanne Oliver, Amor Truter le Madge Lourens ba ne ba dira ba le baithaopi ka mo porojekeng ya  GIRRLya ga Moh Kylah Forbes Biggs, mmatlisisimmogo ka mo Senteramong ya Aforika ya Dithuto tsa Matlhotlhapelo, ka mo tlase ga boeteledipele jwa ga Ngk Dewald van Niekerk.

Porojeke e ile ya matlafatsa basetsana ba bawa ba ba 21 ba kwa morafeng wa Sonderwater, mo Ikageng ka dithuto tsa kitso le katiso. Go ne ga lebelelwa ditlhogo jaaka HIV/Aids, boitekanelo jwa mebele le thuso ya tshoganyetso gore mo bofelong basetsana ba ba kgone go thusa morafe. Ba ba neng ba kopilwe go thusa ka dithuto ke mmuso wa selegae, baitseanape le batlhatlheledi gore ba tle go fana ka dithuto le katiso.

Dikopano ga di a fana fela ka tshedimosetso mme di ile tsa aga boikanyo mme tsa fa basetsana kitso le tshedimosetso gore ba kgone go akanya le go ka tsaya dikgato tse di bontshang kitso le tlhaloganyo.

Go ya ka Moh Biggs baithuti ba ile ba tira go feta se ba se kopilweng mme a tlhalosa gape ka go re: Teori le bophelo di ile tsa kopana mme tsa buisana.  Setlhopha gape se ile sa rulaganya letsatsi la morafe maloba mo Ikageng mo basetsana ba ileng ba fetisa kitso ya bone go ya kwa bathong ba morafe mme ba ba ruta ka go dirisa terama.

GIRRL e emiwa nokeng ka madi ke Banka ya Lefatshe mme fela maloba e ile ya tsengwa le yone ka mo diporokerameng tsa Dithabakopano (UN) tsa bodithabathaba tsa diporokerama tsa togamaano tsa go fokotsa matlhotlhapelo.

Go ya ka Moh Biggs ba ka rata go ruta porojeke e le mo merafeng e mengwe.  Ikopantshe le Moh Biggs kwa (018) 299 1620 go ka bona tshedimosetso e e feteletseng.



Setshwantsho: Moh Kylah Forbes Biggs (wa boraro mo molemeng), Kristel Fourie, Yolanda Maartens, Amor Truter le Jeanne Oliver, (baithuti ba ba thusitseng ka porojeke ya GIRRL), ba na le basetsana ba bawa ba kwa Sonderwater.

