Mosadi wa mokgwebi yo a tlotliwang o nna moporofesara yo wa tlotlo






Moalumni wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) wa Khamphase ya Potchefstroom yo a leng mme wa bomme ba ba 24 ba mo Aforika, jaanong o tlile go tsenya baithuti le batlhatlheledi ba neeletsanyo ka mo tlase ga diphuka tsa gagwe fa a tla go kgaogantsha kitso le bokgoni jwa gagwe le bone.

Moporof Elain Vlok, Molaodi wa Ditirelo tsa Korporatifi kwa Setlhamong sa Diteri sa Clover, o tlhophilwe go nna moporofesara wa tlotlo kwa Sekolong sa Dithuto tsa Neeletsanyo mo Fakalthing ya Atshe. Moporof Vlok ke moithuti wa kgale wa PUK mme o ne a ruta ka mo Khamphaseng ka 1976 go 1988.

Moporofesara yo a tlotliwang gagolo ka mo tikologong ya go maketa o tla tla go ruta dithuto nako le nako ka mo neeletsanyong ya tlhabololo le ya korporatifi.

Gape o bonwa "molato" ka go fetsa didikerii jaaka e kete ke go fetisa nako fela. Mo tshimologong ya dihuto tsa gagwe ka mo Pothefstroom Universiteit vir Christelike Hor Onderwys (PU vir CHO) o simolotse ka BSc ya Thutolapa mme morago a fetsa gape dithuto tsa Laeborari, Onase ya Isizulu le Dithuto tsa Neeletsanyo le didikerii tsa MA tsa Isizulu le Thutoloago(kemo nokeng) le gape dikerii ya Bongaka ya Dithuto tsa Neeletsanyo.

Morago ga dilemo tsa gagwe tsa botlhatlheledi o dirile dilemo di le tlhano kwa Trust Bank mme a le molaodi wa dipapatso mme o na le dingwaga di le 15 kwa Clover jaanong. Moporof Vlok mo nakong e ya thapo o amogetse palo ya dikabelo go tswa mo dithulaganyong tse di farologaneng ka porojeke ya gagwe ya boikarabelo jwa loago ya Mama Afrika. Mo godimo ga se o kwadile le dibuka tsa Theo ya Kapeo di le robedi.

Go ya ka Moporof Paul Schutte, Mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Neeletsanyo, ba itumetse go ka dirisa maitemogelo le bokgoni jwa gagwe ka tumelano e e golegilweng gore a tle go fetisa bokgoni le maitemogelo a gagwe le baithuti ba pele le morago ga didikerii le batlhatlheledi ka dithuto le ka boeteledipele jwa mo dithutong.



Moporof Paul Schutte, Mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Neeletsanyo, Elain Vlok, Molaodi wa Tirelo ya Korporatifi kwa Clover, ka sekgele se a se abetseng mampodi wa akatemi kapa porojeke ya ka mo boikarabelong jwa loago, le ngk Lynette Fourie, Modulasetulo wa Serutwa sa Dithuto tsa Neeletsanyo.

