Lefoko la bofelo










Badirammogo

Ga go yo o ka ganelang gore ngwaga wa 2004 e ne e le o o boima.

Tsa botlhokwa mo kakanyong e ke tse di latelang:

Bothata jo bo nnileng teng:

Le ga le, nte ke beye letshwao mo ngwageng o: ke ngwaga o tirisanommogo, thotloetso, le go dira ka natla go re tliseditseng katlego ya go nna ngata e le nngwe mo Aforika Borwa. 

Ka go rialo ke lebogela maitemogelo a a boingotlo go bona le go lemoga ka mokgwa o dilo di ka diragalang ka teng, le ka mokgwa o badirammogo ba amogelang boikarabelo ka teng, mme e bile ba ntse ba tsweletse ka tiro. Ka makgetho ke batlile ke gakgamadiwa ke maikutlo, mafolofolo, maikarabelo le maikaelelo a a neng a iphitlhileSe, ke se ke se lemogileng mo dikhampaseng tse tsotlhe.

Go ne go le matshwanedi mo go nna le wena go itemogela ngwaga o wa ntlha wa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima. Fa re ne re ka lekanya maikaelelo a rona le diphitlhelelo tsa rona go fitlha fa, ke solofela gore Yunibesithi ya rona e ka bona maemo a dinaledi! Mme re ka agelela ngwaga wa 2005 mo godimo ga motheo o.

Ke solofela gore botlhe ba ba ithulagantseng ka mokgwa o, ba tla nna le boikhutso bo bo monate. Rotlhe re lapile, fela, go gontsi go re go dirileng go bontsha bontle, go dira ka thata le ka botshepegi. Ke tshepa go re lona le ba le ba ratang le tla itumelela malatsi a lona a boikhutso gammogo le botsalo ba Morena.

Rotlhe re lemoga gore 2005 e tla nna le dikgwetlho tsa yona tse di tshwanang di le nosi e bile di le mararanyana. Ikhutseng sentle, nnang le itekanetse mo mmeleng, siamisang ditlhaloganyo, lootsang megopolo le go bona dikakanyo. Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e a le tlhoka! Ka gonne ngwaga o o tlang re tlile go nna botoka go feta fa

Ditumediso go tswa Bokone-Bophirima.

Theuns Eloff
Motlatsa-Mokanseleri        

