SJGD e abela bontsi ka bopelotshweu mo Bokone Bophirima






POTCHEFSTROOM  Monongwana, Tirelo-Sethaba ya Baithuti e e amanang le RAG (e e bidiwang SJGD) ya Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e ile ya abela mekgatlho, ditheo le batho ka bongwe madi a a fitlhang go R1 milione kwa Bokone Bophirima.

SJGD ke mokgatlho wa go thusa batlhoki o mogolo go e gaisa yotlhe mo nageng yotlhe o o kokoanyang madi ngwaga le ngwaga mo toropong ka nako ya beke ya Rag. Ka nako ya moletlo wa go aba dimpho wa SJGD, palogotlhe ya madi a a neng a abelwa mekgatlho e le 45 le batho ka bongwe e ne ya fitlha go R380 000. Ditheo tseno di fitlhelwa mo dikarolong tse dintsi tsa Porofense ya Bokone Bophirima.

Modulasetulo wa SJGD, e leng Egbert Meyer, a re ba ile ba berekana le dikopo tse di fetang 70 mo ngwageng ono pele ga moletlo ono.

Go ya ka Egbert madi otlhe a a neng a kokoanngwa a ne a abelwa diporojeke di le 42 tse di laolwang ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom. Mo gare ga diporojeke tseno, go na le tse 26 tsa dihosetele tsa Khamphase eno, letlole la madi la Lekgotla la Baithuti la Bapanang, letlole la maemo a tshoganyetso la SJGD la go tlamela baithuti ba ba tlhokileng lesego ka dijo, mmogo le diporojeke di le 16 tsa SJGD ka boyone.

Mookamedi wa Khamphase, e leng Prof Annette Combrink, a re Khamphase ya Potchefstroom e motlotlo ka tiro e e dirwang ke maloko a komiti ngwaga le ngwaga ya go namola bontsi jwa batho le mekgatlho e e wetseng mo lehumeng la nta ya selomela kobong mo porofenseng.



Go tswa kafa molemeng ke Johann Steyl, Modulasetulo wa maloba wa Rag, Phillip Moolman, seopedi, Junita Oelofse, motlatsa-modulasetulo wa SJGD, Egbert Meyer, modulasetulo wa SJGD le Porofesa Annette Combrink, Mookamedi wa Khamphase, ka nako ya moletlo wa SJGD wa go aba dimpho.



 Selouna Visser yo mmotlana o newa madi a setulo sa maotwana go tswa go SJGD. Fano, modulasetulo wa SGJD, e leng Egbert Meyer, o tlamparela mmaagwe, e bong Roma, ka nako ya moletlo wa go aba dimpho.

