Baalumni ba kwa Vaal ba phatshima jaaka dinaledi






VANDERBIJLPARK  Moletlo o o ne o tshwana le ya dinaledi tsa kwa Hollywood mme go ne go na le mmata o mohwibidu le dikhemera tse di ponya-ponyang.  Ditokololo tsa baalumni ba kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa(KKL) ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba kgatlhisitswe ka moletlo o o biditsweng: Bosigo le dinaledi. Ka nako ya moletlo o wa maphatsi-phatsi go ne go tlotliwa mmalwa wa baalumni ba ba iphileng go dira dikabelo mo merafeng ya bone le mo dikarolong tsa tiro tsa bone.

Go ya ka Moh Alwine Naude, morulaganyi wa baalumni ba KKL maikaelelo a moletlo a ne a le go matlatafatsa matloa a tirisanommogo magareng a baalumni le Khamphase le go leboga baambasatara ba Khamphase. Re ntsha sehuba ruri ka baalumni ba rona mme ke tshwanelo gore re ba leboge le go tswa mo Khamphaseng, ga re Moh Naude. O tlaleletsa ka go re ke bone baithuti ba maabane ba ba beileng motheo wa ba gompieno.
Moopedi wa moletlo o ne a le moatshe le mokgabisi, Manuel Escorcio.

Ditokololo tsa baalumni ba ba biditsweng leina e ne e le:
 Mor Heinrich Kriel, Motsamaisi Mokhudutamaga wa Saldanha Staal le mogatsa Christelle yo le ene a leng moalumnni.
 Mor Corrie Botha, Molaodi wa Feme  babopi ba Ditshipi kwa Arcelor Mittal. Mosadi wa gagwe le ene ke moalumni.
 Moh Lindokuhle Dingiswayo, Mofenyi wa kgaisano ya Puo ya Tekanyetso ya Old Mutual/Nedbank ka 2008. Moh Dingiswayo yo a leng mosadi wa ntlha yo montsho yo a fentseng kgaisano e ya tlotlo, jaanong jaana o direla kwa Bankeng ya Resefe ya Aforika Borwa.
 Ngk Mojaki Mosia, Mokaedi: Metswedithuso ya Batho wa BMW ya Aforika Borwa. Mosadi wa gagwe, Magauta  le ene ke moalumni  ke ene Mokaedi: Metswedithuso ya Batho kwa Rand Merchant Bank.
 Mor Andr Mellet, Moekonomi wa Ngwaga 2006 yo a duleng mo maemong a bobedi ka 2007. Ene jaanong jaana ke motlhatlheledi ka mo Fakalthing ya Ekonomi le IT.
 Moh Haidee Kruger, motlhatlheledi wa mo Fakalthing ya Bosaense jwa Botho yo gape a leng mokwadi wa Lush: poems for four voices. Monna wa gagwe le ene ke Ngk Jan-Louis Kruger, le ene ke moalumni mme ke Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo kwa KKL.





