Porokerama ya go thusa e tla fa barutwana ba kereiti ya 12 thuso ka akatemi






VANDERBIJLPARK  Palo e e fetang 5000 ya barutwana ba tla bona mosola go tswa mo porokerameng ya go thusa go tokofatsa palo ya ba ba fetang materiki mo dikolong tse di sa feteng jaaka di tshwanetse ka mo tikologong ya Khutlotharo ya Lekwa.

Porokerama e ke kakanyo le tirisanommogo magareng a Sekolo sa Thuto ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  le tikologo ya Sedibeng sa Bophirima(D8) sa Lefapha la Thuto ka palo ya dikolo di le 37 tse di tsenang mo porokerameng.

Sekolo se se sa feteng ka tshwanelo ke sekolo mo palo ya go feta e leng kwa tlase ga 60%, mme barutwana ba dikolo tse ba ile ba rutiwa ka boikhutso jwa mariga mme ba amogela dithuto tse di oketsegileng tsa dirutwa jaaka Seesimane, Dipalo, Kitsokwalo ya Dipalo, Bosaense jwa Bophelo, Palotlotlo le Saense ya Tlhago.

Se se dirang gore porojeke e e bonwe mosola thata ke gore go lemogilwe  ka diteko tsa pele le tsa morago ga thuso gore kitso le tlhaloganyo ya barutwana mo dirutweng dingwe e oketsegile ka 80%.

Jaaka go ka akangwa go dirisitwe nako e ntsi go ka rulaganya le go loga maano a go diragatsa tiro e. Batlhatlheledi ba Sekolo sa Thuto ba ile ba nna barulaganyi ba mo dirutweng mme baithuti ba ba fetang 200 ba ba ithutelang borutabana ba dingwaga tsa boraro le tsa bone ba ile ba ruta mme ba thusa.

Go ne go tlhophilwe morulaganyi wa serutwa se sengwe le se sengwe mme batlhatlheledi ba ne ba na le boikarabelo jwa go katisa bathusi le go tlhabolola dimateriale tsa go ithuta le go ruta tse di ileng tsa dirisiwa. Tsepo ya porokerama ya go thusa e ne e se fela go ruta barutwana tiro e ntsi e e rileng mme e ne e le go tlhomamisa gore ba tlhaloganya tiro mme ba e e kgona gotlhe-gotlhe.

Ditokololo tsa Lefapha la Thuto gammogo le barulaganyi ba dirutwa ba ile ba etela senteramo e nngwe le e nngwe gangwe le gape go tlhomamisa gore go diriwa tiro ya boleng. Go ya ka ngk Elsa Fourie, Mokaedi wa Sekolo sa Thuto, porokerama e ka bonwa e le ya tirisanommogo e e sa ikaelelang fela go baakanyetsa makereiti ya 12 fela go ipaakanyetsa ditlhatlhobo mme gape e ne e le go gatelela ntlha mo barutwaneng go ka ba itsisa gore go botlhokwa go ka na le maduo a a siameng le go akanyetsa bokamoso.

Ngk Fourie o tlhaloseditse gape gore ka kgwedi ya Lwetse porojeke e tla tsenela mo tikologong ya teng ya bobedi mo thuso ya bofelo e ka diragalang teng. Ke toro ya dipelo tsa rona gore porojeke e ka tswa e le ya kgolaganyo ya nako e telele mme e tswelele go se tswele mosola bawa fela le go ba fa maatla mme e tlise le tsosoloso e e tswelelang ka mo tikologong ya Khutlotharo ya Lekwa, ga re ngk Fourie.



Palo e e fetang 200 ya baithuti ba borutabana ba ne ba katisitswe go nna bathusi mo porokerameng ya thuso.



Boelang sekolong! Palo e e fetang barutwana ba ba 5 000 ba ne ba tswela mosola mo porokerameng ya thuso.

