Baithuti ba Popo ya Dikerafo ba YBB ba fenya gotlhe






Ditlhopha tse pedi tsa serutwa sa Popo ya Dikerafo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba mo tseleng go ka fenya dikabelo tse di galelwang tse di leng tsa:  International Adobe Design Achievement kapa ya 2008 SABS Design Institutes Design Achiever.

 2008 SABS Design Institutes Design Achiever
Baithuti ba bararo ba Popo ya Dikerafo ba ngwaga ya bofelo ba e leng Phutheho Ranooe, Leana De Beer le Melissa Maloney, ba tlhophilwe go tsena mo makgaolakgannyeng jwa kgaisanong ya 2008 SABS Design Institute se Design Achiever Awards.

Letsholo la media la ga Phutheho e e biditsweng Golden Egos, le le nang le maikaelelo a go tlosa lenyatso la batho ba Aforika ka go tlhoma le go itsisa ka ga baetapele ba ba ka latelwang mo Aforika, ke lone le le tlhomamisitseng gore a bone lefelo mo makgaolakgannyeng. Phutheho o kgatlhisitse baatlhodi ka ponelopele le pharologantsho ya gagwe ya boetapele le ka tlhaloganyo ya gagwe ka ga mabaka a a thata a loago le setso a a tlhokang kelotlhoko.

SABS Design Institute ba simolotse tiro ya dikabelo tsa Design Achievers ka 1987. Kabelo e e farologana le dikabelo tse dingwe tsa mo Aforika Borwa tsa popo ya dikerafo ka gore yone ke ya sethaba mme ke e e bophara ka go lebelela kopantsho ya dirutwa mme e lebelela thata poposewa ya dipopo le boetapele le boitseanape jwa go bopa sewa.

Ke selemo sa boratharo se se latelanang sa gore baithuti ba mo YBB ba Khamphase ya Potchefstroom ba itlhaole go tsena mo makgaolakgannyeng jwa Design Achiever Awards mme ke sa ntlha gore go nne le baithuti ba bararo mo makgaolakgannyeng jwa kgaisano e e tlotlo e.

 International Adobe Design Achievement
Porojeke ya ga Carla Erasmus, Leana de Beer le Gert Schoeman, Mossie  e mo sethabeng e fentseng kabelo ya gauta ya Pendoring le ya Construction New Media Grand Prix  le yone e mo lenaneng le lekhutswane la mo dipopong tsa media e e dirisanang mmogo mo khomputareng.

Porojeke ya ga Gert ya gagwe a le mongwe ya A sleepless night, le yone e biditswe leina ka mo karolong e. Ka mo karolong ya ditshwantsho go na le diporojeke tse pedi tse di fitlhileng mo makgaolakgannyeng mme ke tsa ga Christo Kruger le porojeke ya setlhopha ya ga Carla Erasmus le Yvonne Lombard. Ka mo karolong ya media e e gatisiwang go na le diporojeke tse pedi tsa ditlhopha, e nngwe ya ga Aletti Marx le Christell Badenhorst le e nngwe ya ga Gert Schoeman le Suzan van Wyk, tse di mo makgaolakgannyeng.
YBB ke e nngwe ya ditheo tse pedi tsa mo Aforika Borwa tse di fetetseng ka mo makgaolakgannyeng a kgaisano.
Kabelo ya Adobe Design Achievement Awards e lebelela thata go dira dikabelo go batho le ditlhopha ba ba bopileng dipopo ka go dirisa porokerama ya Adobe. Kgaisano, ngwaga le ngwaga e tshwarelwa kwa mafatsheng a a 34 mme ka dikabelo tse go tlotliwa baithuti ba ba ditalente tse di fetang ba ba fanang ka tsholofelo ya bokamoso mo lefatsheng mo ditheong tsa thuto godimo tse di etelang pele.



Phutheho Ranooe, moithuti wa ngwaga ya bofelo, ke yo mongwe wa baithuti ba popo ya dikerafo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) yo a leng mo makgaolakgannyeng wa kabelo ya Design Achiever Awards tsa 2008 SABS Design Institute.





Mo karolong ya ditshwantsho Christo Kruger o fitlhetse ka mo makgaolakgannyeng. Mo re bona ditshwantsho tse pedi tsa gagwe.

