Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya NWU e tsenetse ruri mo dibukeng tsa direkoto







VANDERBIJLPARK  Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ke kgale e itsiwa ka boitseanape jwa akatemi, tlholego e ntle kemonokeng ya merafe mme e tloga e kwadiwa le ka mo bukeng ya direkoto ya Guinness Book of Records.

Ka kopano ya 2007 ya Wheels@Vaal (Link: mailto:Wheels@Vaal) go ne ga lekiwa rekoto ya lefatshe ya dienjini tse di emeng tse di dumang mme tsa tsamaya nako e e rileng. Palokgolo ya dienjini di le 205 di ne tsa tsamaya metsotso e metlhano kwa ntle ga go tima.
Dienjini tse di emeng fela di tlhaga kwa dilemong tsa 1900 mo di ileng tsa dirisiwa ke balemirui go pompa metsi le go dira motlakase mme morago di ile tsa dirisiwa le ka mo difemeng. Bontsi jwa dienjini tse di ne di dirisa metsi le phufudi mme morago ga nako e telele di ile tsa simolola go dirisa lookwane. Go ya ka mor Mauritz Meyer, morulaganyi wa Wheels@Vaal (Link: mailto:Wheels@Vaal) dienjini tse di kgatlhisa ba ba di gopolang thata mme gape di kgatlhisa thata ba ba di kgobokantshang mme ba di baakanya ka kelotlhoko gore di tshwane le pele.


Dienjini di ratiwa le kwa Boritane le kwa Amerika.  Leina le kgwebo ya dienjini tse ke e re e itseng rotlhe ya Lister.  Di ne di diriwa teng ka mo Vereeniging mo tshimologong ya dingwagalekgolo tse di fetileng mme le gompieno e santse e tlisa dienjini tsa go dira motlakase go tswa kwa moseja go tla mo Aferika Borwa.  Lister SA e ne e le moemeladitshenyegelo yo mogolo wa letsatsi.


Go ya ka mor Meyer batlhagisi ba ne ba tswa kgakala jaaka kwa Carolina, Bela-Bela, Stilfontein, Kroonstad le Johannesburg mme ba tla go tsaya karolo mo go tlhomeng ga rekoto e ya lefatshe. Go ka bona rekoto kopo ya semmuso e tshwanetse go diriwa kwa Guinness Book of Records mme e kwadisiwe kwa go bone. Ka ntlha ya gore Boritane ga e ise e kwadise rekoto bakgobokantshi ba mo Aforika Borwa ba dienjini ba tseile kgato ya kwadisa rekoto mme sephetho ke gore e tla tsengwa ka mo Guinness Book of Records ya  2009. Melawana e e neng e beilwe ke e e latelang:: dienjini di ne di tshwanetse go kgona go dira mme di ne di tshwanetse go duma metsotso e metlhano e sa time. Go ne go na le mokwadisi gammogo le baatlhodi ba babedi ba ba neng ba tlhomamisa gore teko e ya go tlhoma rekoto e siame mme e gotlhe go tsamaisiwa ka tshwanelo. Phala e ne e lela go itsisa ka ga tshimologo le bofelo jwa nako ya rekoto. Mo letsatsing la ntlha go ne go duma dienjini di le 184 mme mo letsatsing la bobedi go ne go duma di le 205 tse di neng tsa tlhoma rekoto.

Barulaganyi ba go tlhoma rekoto ke kelapa ya Vaal Ou Wiele Klub ba na le ditokololo di le 250 ba ba ratang dijanaga ledienjini mme ngwaga le ngwaga ba tla mo pontshong ya dijanaga ya Wheels@Vaal (Link: mailto:Wheels@Vaal). Pontsho e ke e kgolo go feta tsotlhe mo bogareng jwa Aforika Borwa mme e bitsa batho ba bantsi ngwaga le ngwaga.



Pontsho ya dijanaga tsa kgale ngwaga le ngwaga e goka barati le batlhagisi le babontshi ba dijanaga go tla mo Wheels@Vaal (Link: mailto:Wheels@Vaal) mme ba tla ka bontsi mo pontshong e.



Mauritz Meyer (mo molemeng) le Alan Heyns, modulasetulo wa kelapa ya Vaal Ou Wiele Klub ka setifikeiti ya tumelo ya rekoto.




Wheels3.jpg
Setifikeiti ya semmuso ya tumelo ya rekoto go tswa go Guinness Book of Records.




Ba ba neng ba le teng ka mokete wa go jela rekoto e e tlhomilweng go tswa mo molemeng ke: Willie Boshoff (Lister SA), Neville Botha (morulaganyi wa dienjini tse di emeng tse di dumang) le Awie van Wyk (moatlhodi).



Sekao sa enjini e e ikemelang.

