Modiri wa mo NWU o tlile go tsamaya dikilometara di le 90 go thusa bana






Mor Cobus Steenkamp, motlhatlhobi wa dikgwebo ka mo ofising ya Diporojeke ka mo Ofising ya Setheo ya mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(NWU) o rulaganya go ya go tsamaya kwa nokeng ya Vis kwa tseleng ya go tsamaya mme a apere sutu le kgetsi mo tirong.  Lebaka la go tsamaya ke go kgobokantsha madi go ka rekela bana ba kwa ntlong ya dikhutsana ya Abraham Kriel ya mo Potchefstroom malao le dimaterase.

Mor Steenkamp le setlhopha sa gagwe sa sele sa kwa kerekeng ya Nederduitse-Gereformeerde Kerk Grimbeekpark ba tsaya karolo kwa ntlong ya dikhutsana ya Abraham Kriel. Malao otlhe le dimaterase tsotlhe di tshwanetse go ntshwafatswa mme go ka kgona go dira tiro e go tlhokega go kgobokantsha madi.  Ke ka ntlha e a akantseng go ya go tsamaya tsela e ya maoto ya Vis, jaaka e itsiwa mme o tlile go tsamaya ka diaparo tsa tiro.

Go ya ka Mor Steenkamp o akantse ka ga mekgwa ya go ka dira gore go nne matsapa mme go nne botlhokwa go tsamaya ka a utlwile gore a ka ya go tsamaya tsela ka 3 go 7 Phatwe 2008 gammogo le kelapa ya go tsamaya ka maoto ya mo Potchefstroom.
Fa maoto a ka kgona go se mo tshwenye ka ditlhako tsa tiro tse di siameng a re ga a bone tshwenyego epe e e ka dirang gore a fetse tsela.  O akanya go tshegetsa mangenana a gagwe ka go a fapha sentle ka difapho tse di materelang.  Ee le pholethe ke e tsenya le yone.  Ga ke na maikaelelo a go fitlha kwa Ai-Ais ka ditlhako tse di leswe, ga re mor. Steenkamp.

Dilo tsotlhe tse a di tlhokang di tshwanetse go lekana ka mo teng ga kgetsi ya mo tirong. Tsone ke jaaka Leatherman, botlolo ya metsi, Beibele,  difapho, marukgwe a mabedi a mo teng, dikausu, sesepa se se siametseng tlholego, kopi le pirinki(go dira teye phakela), dijo tse di omisitsweng, borathe ya meno, legare, pholethe, kobo ya tshoganyetso e e silifara, poleisetere, sepeiti le jodiamo(fa maoto a dira dibolase) ke tsone dilo tsa go ka tsamaya.

Go ya ka mor Steenkamp ga a tlhoko go jesa batsamai ba bangwe fatshe.  O itlamile gore ga a ye go ba kopa dijo kapa dikobo. Fa go le mogote go lekana a ka dirisa baki go nna mosamo.  Digalase tsa letsatsi le hutse di ka thibelela letsatsi motshegare mo sefatlhegong. Ee gape a ka bofolola le tai gannye mme a ka latlhela baki ka mo legetleng fa go gotela thata.

Mor Hennie Knell, moetapele wa batsamai a re ga a itse gore a dire eng, a tshege, a tshwenyege kapa a lele ka ga maano a ga mor Steenkamp. O ikaeletse go bua le ene gore a rwale ditlhako tse di diretsweng go tsamaya tse di siameng.


Moh Catharien Saayman, tlhogo ya Ntlo ya dikhutsana ya Abraham Kriel ka mo Potchefstroom, o rile gore dimaterase tsa bana di fedile mme go leka le go baakanya malao ga go tlhole go kgonagala. Go tlhokega madi a kana ka R88 000 go reka tse dinthwa.

Re itumela thata fa go na le motho yo a nang le pelo jalo go ka tsenya marapo mo nameng mme a tsamaele bana maele ya bobedi jaaka seane se re, ga re moh Saayman.
Go ka amogela tshedimosetso ka ga kgang e le go amogela dinomoro tsa tshupomolato wa kwa bankeng go ka ikopantshwa le moh Lanie Crewe kwa 084 511 1651.

Kgang e kwadilwe ke Linda de Beer mo tshimologong.



Mor Cobus Steenkamp yo a tlileng go tsamaya tsela ya kwa nokeng ya Vis ka kgetsi ya mo tirong le ka sutu go kgobokanyetsa ntlo ya dikhutsana ya Abraham Kriel ka mo Potchefstroom madi.

