NWU e fa baithuti bokgoni jwa go ka ithuta le fa ba se mo inthaneteng






Sakai Solo, kumo e e nthwa e e bopilweng ke ITC (Institutional Department Information Technology Central), le Tirelo ya Thuso ya Akatemi (AS - Academic Support Services) a a leng mafapha a mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (NWU) ka tirisanommogo ya ga UNISA le Psybergate ke thulaganyo e e tla thusang baithuti ba ba nang le mathata go tsena mo inthaneteng le ba bophara ba bente e sa lekaneng.

Thomeletso ya ITC le AS fela maloba ba ne ba ile kwa khonferenseng ya Sakai kwa Fora mme ba ya go itsisa Sakai Solo ka katlego e kgolo kwa go ba Sakai.  Go ya ka Mor Boeta Pretorius, Molaodi wa IT wa Tlhomelo le Patlisiso,  Sakai Solo e ka arabela mathata a baithuti a go ka ithuta gore ba kgone go se direle mo inthanete mme ba itirele go tswa kwa magaeng a bone.  Ka Sakai Solo,  moithuti a ka kgona go ithuta le go direla go tswa kwa gae mme go tlhokega fela gore a palame ka mo inthanete fela nakwana go laisolola tshedimosetso e e tlhokegang go se direle mo inthaneteng.

Re bontshitse pontsho ya tekeniki ya Sakai Solo ka nako ya khonferense mme re amogetse ba bantsi ba ba re tlotlang ba ba bontsha kgatlhego.  Le ba kwa mafatsheng kwa Yoropa ba ba se nang mathata a bophara jwa dibente, ba ne ba kgatlhegile ka gore ba re e ka ba fetolela dithulaganyo tsa tiro, ga re Mor Pretorius.

Sakai ke itshimololelo ya lefatshe ka bophara e e laolwang ke Setheo.  Ditokololo tsa Boto ya Sakai le bone ba ne ba kgatlhegile thata mme go ya ka Michael Korcuska, Mokaedi wa Mokhudutamaga wa Sakai, Solo ke popo e e botlhokwa thata mo bokamosong jwa Sakai.

Sakai Solo ke karolo ya go ithuta mo wepeng ya Sakai ka tikologo ya tirisano e e leng ya mahala e e bulegileng e e bopilweng e e tshegediwang ke morafe wa Sakai.  Kumo e ke karolo ya tikologo ya go ithutela ka mo moweng wa inthanete mme - e-Fundi  e e setseng e tlhometswe ka mo NWU ka katlego e kgolo e e fang baithuti thono ya go ka direla mo inthaneteng mo ba ka laisololang kapa mo ba ka laisang ditiro kapa mo ba ka kwalang diteko kapa mo ba ka bonang metswedi e e ka ba thusang le go tswelela jalo.

Go ya ka Mor Kobus le Roux, moitseanape wa ITO, NWU e akantse kakanyo e go ka tlola noka e e tlisiwang ke ntlha ya gore dibente tsa inthanete mo SA le mo kontinenteng ya Aferika ga di bophara mme go thata gore moithuti a kgone go ithuta ka go letsa mogala le go palama inthanete ka mogala mme a dirise thulaganyo ya inthanete ya tlwaelo.

NWU e tsere poo ka dinaka mme ya baya mabaka a thulaganyo mme jaanong ba laola porojeke le UNISA, mme Psybergate ke bone ba ba boikarabelo go kwala diporokerama.  Sakai Solo jaanong jaana ke kumo e e santseng e bopiwa mme kumo ya pailoto e tla lekiwa ka semesetara ya bobedi monongwaga mo setlhopheng sa baithuti ba Onase ya Bokhemisi ka mo NWU.  Tlhomelo ya nnete e tlile go diriwa ka Ferikgong 2009.

Fa o ka rata go amogela tshedimosetso e e tseneletseng ka ga Sakai Solo, ikopantshe le Boeta Pretorius kwa (018) 299 2138.



Mor Kobus le Roux, moitseanape wa ITO wa mo NWU le Mor Louis Botha wa Psybergate ka Sakai Solo ka mo morago.

