TransTips e okeletswa le kwa lefelong la wepe la YBB







POTCHEFSTROOM  Ka lebaka la tlhomelo ya katlego ka mo intranete ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  ka 2007, TransTips, sediriso se sa mareo a dipuodintsi se tlile go oketswa gore se dire le ka mo lefelong la wepe la mo YBB ka Mopitlwe wa 2008.

Tlhabololo ya TransTips ke e nngwe ya diporojeke tse di bulang tsela go ka tlhomela tikologo ya tiro ya dipuodintsi ka mo YBB ka gore molawana wa dipuo wa mo YBB ke gore go dirisiwe dipuo tse nne tsa tiro tse e leng Seaferikanse, Seesimane, Sesotho  le Setswana.

TransTips e thusa modirisi mongwe le mongwe wa bofelo go ka tlhaloganya mareo ka puo e nngwe jaaka fa tokomane e kwadilwe ka Seesimane mmadi a ka tlhola lereo ka Seaferikanse kapa ka Setswana kapa ka Sesotho. Go tswa fela gore go tshwaragantshitswe mareo a dipuo dife ka mo porokerameng. TransTips e fana fela ka diphetolelo tsa mafoko mme nako e nngwe ga se e e nepagetseng polelo e e rileng.

Bokaedi jwa Merero ya Dipuo e ne e dirisane go fetola mafoko a a dirisiwang ka bontsi e ne e le CTexT ba ba neng ba tlhabolotse porokerama mme ke ka lebaka le tetlokhopi e le ya bone.  TransTips gape ke tiro ya ntlha ya khouto e e bulegileng mme se se raya gore fa porokerama e feditswe e ka dirisiwa ke mongwe le mongwe yo o bopang diporokerama.

Go godisa bopuobontsi go na le mosola o mogolo ka mo lefatsheng jaaka mo Aferika Borwa mo go nnang le dipuo tsa semmuso tse mmalwa.  Ke ka lebaka le ditiro jaaka TransTips di na le bokgoni le mosola wa go diragatsa ditikologo tsa dipuodintsi ka mo mafelong a tiro.

O ka ikopantsha le moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo kwa (018) 299 1505 kapa Marlene.Verhoef@nwu.ac.za (Link: mailto:Marlene.Verhoef@nwu.ac.za) go ka amogela tshedimosetso e e feteletseng.

Klika (Link: http://www.nwu.ac.za/news/static-content/Movie.TTips.Tsw.Tutorial.1.0.0.MJP.2008-04-17.wmv) fa go ka bona tlhaloso ya mokgwa wa go ka dirisa TransTips.

