Khwaere ya NWU-PUK e tsenela kgaisano e e tlotliwang kwa Austria






POTCHEFSTROOM  Khwaere ya NWU-PUK ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(NWU) fela maloba e ne e abetswe kabelo ya go tswa mo kgaisanong mo maemong a botlhano mo kgaisanong ya dikhwaere tsa dithabathaba kwa Austria.

Palo e kana ka 60 go 80 ya dikhwaere ngwaga le ngwaga di kopa go ikwadisa mo kgaisanong e mme mo bofelong go kopiwe ba ba 12 fela go tla go gaisana.  Khwaere ya NWU-PUK e ne e le yone fela go tswa mo Aforika mme ke ngwaga ya boraro e tsene jaanong mme ka 1993 e dule mo maemong a bobedi mme ba bona kabelo ya publicums ka tlhago ya bone.

Maloko a a 45 a khwaere ba tlogile mo ka letsatsi la 24 Seetebosigo go tsamaya leeto la bone go ya kwa Hangari, Austria, Jeremane, Nederelane le kwa Repaboliki ya kwa Tegia mo ba tlileng go dira ditlhago tse di mmalwa.

Kgaisano yone ke kwa Spittal, Austria, mme e simolotse go tshwarelwa koo ka 1964 kwa kagophemelong ya Porcia mme mo dilemong tse di fetileng go setse go gaisane dikhwaere di le 400 mo kgaisanong e.

Moreketoro wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom, moporof Annette Combrink, yo a neng a le mo leetong la semmuso le ene kwa Yunibesiting ya kwa Bohemi Borwa kwa Tegia, o ne a ya go bona dikhonserata dingwe.

Go ya ka Mor Peet Ryke, moetapele wa leeto, NWU ruri e ka ntsha sehuba ka setlhopha se sa baithuti ba ba ditalente tse dintsi ka gore ruri ba dirile gore dikhwaere tsa kwa mafatsheng a kwa Yoropa ba atlhame le go ela tlhoko bokgoni jwa bone jo bo maemo a a kwa godimo.



Setshwantsho: Moopedisi wa Khwaere ya NWU-PUK, moporof Awie van Wyk, o eme mo gare ga maloko a khwaere.

