Baithuti ba MBA ba atswelwa tiro ya bone ya ka natla






POTCHEFSTROOM  Baithuti ba le 49 ba Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane) mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (YBB) ba ne ba amogela dikirii ya Masetase bosheng jaana mo dithutong tsa Go Tsamaisa Kgwebo (MBA) kwa tiragalong e e botlhokwa e e neng e tshwerwe.

Go ya ka Mohumagatsana Marilize Minne, e leng motlhankedi wa dikamano le baagi wa PBS, matlho otlhe mo maitseboeng ao a ne a lebile Rre Aldeon Barend Grobler, yo o neng a kaiwa e le moithuti yo o nnileng le dipholo tse di gaisitseng tsa ba bangwe botlhe mo dithutong tsa gagwe mo dingwageng tsotlhe tse tharo tsa go ithutela MBA ga gagwe. O ne a newa Mmetale wa Gauta wa Old Mutual ka ntlha ya phitlhelelo eno ya gagwe e e gakgamatsang.  Rre Marius Bezuidenhout go tswa kwa lekaleng la Klerksdorp la Old Mutual ke ene yo o neng a mo abela mmetale oo.

Mohumagatsana Juanita Esther Erasmus o ne a kaiwa a ba gaisitse botlhe mo mo simesetareng ya borataro ka palogare ya 77%, mme ene o ne a newa mmetale wa selefera go tswa kwa setheong sa Professional Provident Society (PPS).  Rre JC Vorster, moemedi wa lekala la PPS kwa Potchefstroom, ke ene a neng a mo abela mmetale oo.

Mohumagatsana Minne a re, Go ne ga dirwa moletlo mo maitseboeng ao wa go jela kalogo ya MBA dijo tsa maitseboa, ga tlotlwa ka dilo tse monate tsa nako e e fetileng mme morago ga moo botlhe ba elelediwa tsela-tshweu.  Baithuti ba le mmalwa ba ne ba atswelwa diphitlhelelo tsa bone tsa maemo a a kwa godimo le tiro e ba e dirileng ka natla mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, O ne a oketsa jalo.

Mo tiragalong e e botlhokwa eno, go ne go na le baeng ba le 100, go akaretsa le baithuti, badiri ba PBS le baithuti ba nako e e fetileng.  Mo gare ga di-dikirii tsa 49 tseno tsa MBA, di le robedi tsa tsone e ne e le tsa baithuti ba Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa. Gape baalogi ba ne ba newa ditifikeiti tsa diphitlhelelo tsa maemo a a kwa godimo mo dirutweng tse di farologaneng.

Go ya ka Mohumagatsana Minne PBS e tla tswelela pele go katisa le dimmenejara tsa boleng jo bo kwa godimo tsa seporofeenale gore ba kgone go tsenya letsogo mo tlhabololong ya Ikonomi ya Aforika Borwa ka tsela eno.

Go bona tshesdimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Mohumagatsana Minne mo nomoreng ya (+27-18) 299 1419 mo Sekolong sa Kgwebo sa Potchefstroom.



Aldeon Grobler o ne a ikgapela Mmetale wa Gauta wa Old Mutual jaaka moithuti yo o nnileng le dipholo tse di gaisitseng tsa ba bangwe botlhe mo dithutong tsa gagwe mo dingwageng di le tharo tse di fetileng tsa go ithutela ga gagwe MBA.




Baithuti ba le 49 ba Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane) ba ne ba amogela di-dikirii tsa bone tsa Masetase mo dithutong tsa Go Tsamaisa Kgwebo (MBA) kwa tiragalong e e botlhokwa e e neng e tshwerwe. Kwa pele go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Marietjie Grobler, Corlea Pearce, Frances Wright, John Beneke, Juanita Erasmus, Marelize Joubert, Inge Potgieter, Deon Grobler le Louis Swanepoel.  Mo moleng wa bobedi go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Michelle van Tonder, Anneri Haasbroek, Leon Haasbroek, Lana Marais, Francois Breedt le Yvette Brits.  Mo moleng wa boraro go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng Lourens van Tonder, Kevin Strydom, Henk Heath, Albert Wessels, Les Nel, Rupert Jacobs, Hendrik Vorster, Elize van den Heever le Gielie Fourie.  Mo moleng o o kwa morago go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Le Roux Louw, Flip van Schalkwyk, Emile Marais, Ian Victor, Sidney Farrel le Sias Heyns.



Fa pele go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS, Rre Aldeon Barend Grobler, mofenyi wa Mmetale wa Gauta wa Old Mutual, Mohumagatsana Juanita Erasmus, mofenyi wa mmetale wa selefera wa PPS, le Rre JC Vorster go tswa kwa PPS.  Kwa moleng o o kwa morago go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng ke Rre Marius Bezuidenhout go tswa kwa Old Mutual, Mokaedi wa Nama-o-sa-Tshwere e leng Porofesa Willie Coetzee le Porofesa Theuns Eloff, Tlhogo ya: Lefapha la Disaense Tsa Ikonomi le Tsa Botsamaisi.

