Khampase ke mong-gae-mmogo wa moletlo wa Letsatsi la Dithabathaba la Thanolo wa porofense






VANDERBIJLPARK  Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB)  ke mong-gae-mmogo wa moletlo wa porofense wa Letsatsi la Dithabathaba la Thanolo ka Lwetse 2008 mme se ke tshimologo ya go ipaakanyetsa moletlo wa dithabathaba o o tla tshwariwang ka 30 Lwetse 2008 kwa Polokwane, Limpopo.

Mosola wa kopano ke go lemoga le go dumela botlhokwa le dikgwetlho tse di leng teng ka mo tirong ya boranodi, ga re Moporof Thapelo Selepe wa Sekolo sa Dipuo. Go ya ka Moporof Selepe Sekolo se kopilwe go thusa ka dithulaganyo ka lebaka la tirisanommogo ya gagwe le dithulaganyo tsa dipuo ka mo sethabeng. O tlaleleditse gore ke ka lebaka le Khampase e leng mong-gae gammogo le PanSALB(Pan-South African Language Board) kwa Gauteng, mme kopano e e tla nna ya ntlha ka mo Khampaseng ya Vaal Triangle.

Kopano e ya tikologo ya Gauteng, e gape e leng Letsatsi la St Jerome e e tlhometsweng ka 1991  e tla tshwarelwa kwa Lapeng mo Khampaseng ka 18 Lwetse 2008.

Fa o ka rata go amogela tshedimosetso ka ga kopano e o ka ikopantsha le Moh Christine van Aardt ka mo Sekolong sa Dipuo kwa (016) 910 3463.

* Sekolo sa Dipuo
Mo dilemong tse di fetileng Sekolo sa Dipuo se itlhomile go nna sekolo sa dipuo se se maemo mo tikologong le ka mo sethabeng go nna senteramo ya dipuo ya boitseanape jwa dipuo. Bogare jwa katiso le patlisiso ke laboratoriamo ya thekenoloji ya segompieno mo baithuti ba rutiwang go dirisa didiriso tsa go fetola ka thuso ya khomputara (CAT-computer-assisted translation tools) le kgatiso ya desktopo(DTP-desktop publishing), popo ya wepe, dirweboleta le go fetola wepe selegae le go tsenya diphetolo ka mo telebieneng ka mokwalo. Ofisi ya dipuo e e bidiwang, Babel, e fa baithuti katiso ya mo tirong ya ditiro tsa mo dipuong go fitlhela mo ngwageng ya boraro. Ka mo ofising e baithuti ba fana ka tirelo ya go fetola, go baakanya makwalo le go gatisa ka tlhwatlhwa e e amogelesegang ka mo porokerameng e e tlhokomelwang ke batlhatlheledi. Batlhatlheledi ba ba nang le phisego e kgolo ya tiro ya bone ba dirisana ka go ruta le go batlisisa mo diporojekeng tse di farologaneng ka mo gae le go tlola melelwane ya rona.

* Kamogelo ka mo Sethabeng
YBB fela maloba e amogetse kabelo go tswa go PanSALB ka e tlhophilwe go nna setheo se se abetseng go feta tsotlhe tse dingwe tsa mo karolong ya Thuto se se tsweletsang dipuodintsi le go aga sethaba mo dilemong tse di lesome tse di fetileng. Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo mme gape moagimogolo wa pholisi ya dipuodintsi ka mo YBB, o dumela gore mokgwa o yunibesiti e tlhomelang pholisi ya yone ya dipuodintsi tse di ka diragatsiwang ke yone e e dirileng gore e abelwe kabelo e ya tlotlo. Bokaedi jwa Dipuo ya YBB e tlhometse diporojeke tse dinthwa tsa poposewa go ka tsweletsa pholisi ya yone ya dipuodintsi tse di ka diragatsiwang ka mo Yunibesiting le mo tikologong. Yunibesiti ya Rhodes e ne e le mo maemong a bobedi mo kabelong e go ditheo tsa thutogodimo.



Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  ke mong-gae-mmogo wa moletlo wa porofense wa Letsatsi la Dithabathaba la Thanolo gammogo le PanSALB. Thomeletso ya tikologo ya PanSALB fela maloba ba ne ba eteste ka mo Khampaseng. Ka mo morago go na le moh PN Gcali, mokgobokantshi:go fetola le go toloka, Moporof Thapelo Selepe, Sekolo sa Dipuo le Moh T Mmotsa, modiredi dipuo. Ka mo pele go tswa molemeng go na le Ngk Ia Esterhuizen, Mokaedi wa Nakwana wa Sekolo sa Dipuo, Moh S Maepa, PanSALB Molaodi wa Porofense le Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bakaedi jwa Dipuo.

