Kabelo ya madi e godisa tsamaiso ya thoto ya tlhaloganyo ya YBB






Feme ya molao ya, DM Kisch, fela maloba ba abetse palo e kgolo ya madi go Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) gore go bopiwe, go tsamaisiwe ka tshiamo mme go kgwebofatswe thoto ya tlhaloganyo, go baletswe le maina a matshwaokgwebo, poposewa le dipatente.

Moemedi wa DM Kisch, moitsegotlhe wa dipatente Mor Andr van der Merwe o file Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB theke ka mo seminareng ya dipatente, e e neng e tshwerwe ke Yunibesiti mme e ne e tsenwe ke dithomeletso tsa go tswa kwa WIPO(World Intellectual Property Organisation).

Kabelo ya madi e tla dirisiwa ke badirimmogo ka mo Ofising ya Molao ya Setheo sa YBB go ka tsena dikhonferense tsa sethaba le tsa dithabathaba tsa thoto ya tlhaloganyo, kapa ba ka etela balekane ba bone kwa moseja go ka aga kitso ya bone le go loga matlhoa a tirisanommogo a thoto ya tlhaloganyo.

Moporof Combrink o gateletse ntlha ya gore diyunibesiti di na le boikarabelo jwa ruri jwa go kgaoganya dikhumo tsa dipoposewa le babopi mme se se tshwanetse go diriwa ka mo teng ga thulaganyo e e tiileng ya tshireletso ya thoto ya tlhaloganyo.



Go tswa mo molemeng go na le Mor Frans Kruger, Mokaedi wa Setheo: Ofisi ya Molao, Mor Andr van der Merwe, DM Kisch, Moporof Annette Combrink, Moreketoro: Khampase ya Potchefstroom, le Moporof Francois Venter, Diini: Fakalthi ya Molao, Khampase ya Potchefstroom, YBB.

