Baithuti ba babedi ba YBB ba fenya dikabelo tse pedi tsa dithabathaba






POTCHEFSTROOM  - Setlhopha sa baithuti ba morago ga dikerii ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) sa go tswa mo Setheong sa Bojanala, Ekonomi ya Bophelo jwa Diphologolo le Dithuto tsa nako ya Boitiso ke ngwaga ya bobedi jaanong ba fentse kabelo ya dithabathaba ka porojeke ya patlisiso.

Go ya ka moporof Melville Saayman, motlhatlheledi wa Taolo ya Bojanala ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo ka mo Khampaseng e, baithuti ba ba lesome ba ba ne ba tsenetse kgaisano le baithuti ba ba robongwe ba diyunibesiti tsa dithabathaba mme YBB e ne e le setheo se le sengwe fela sa mo Aferika se se neng se tsene kgaisano e ya ngwaga le ngwaga ya Khonferense ya Bojanala ya Baithuti. Kabelo e ke e e re kgatlhisang tota mme ke tlotlo e kgolo mme re e lebogela thata, ga re moporof Saayman.

Porojeke ya patlisiso e baithuti ba ba e dirileng dikgwedi tse pedi ke diporokerama tsa go tlhotlheletsa dikhampani tsa dithabathaba.  Setlhopha gape se ile sa fetsa mo maemong a bobedi ka pontsho ya bone ka ga Aferika Borwa le YBB.

Khonferense ya Dithabathaba ya Bojanala ya Baithuti e setse e le mo ngwageng ya yone ya bomasopedi tharo mme ngwaga e e ne ya tsharelwa kwa Oostenryk. Setheo gape ngwaga e e fetileng e fentse kabelo ka nako ya moletlo wa maphatsi-phatsi e e neng e tshwaretswe kwa Swedene.



Kwa morago go na le moporof Melville Saayman, motlhatlheledi wa Taolo ya Bojanala ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima ya Khampase ya Potchefstroom,  bomme Martinette Kruger, Lara Engelbrecht, Marna Havenga, Malie Mouton, Adri Dreyer le mor Pierre-Andr Viviers, le ene ke motlhatlheledi wa Bojanala le dithuto tsa nako ya Boitiso ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo gammogo le setlhopha sa baithuti ba morago ga didikerii. Ka mo pele go na le bomme Talitha Schoeman, Susan Oberholser, Helga Streicher, Belinda Bouwer le Elicha Jonker.

