YBB e dumelela diphetogo, tirisanommogo ya ditso le tloso ya kgethololo






Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e dumelela thata mme e tlotla ntlha ya pharologano, kagiso magareng a ditso le tirisanommogo.  Re amogela leeto la komiti ya ga tona ka letsatsi la 12 Seetebosigo 2008 ba ba tlang go sekaseka ditshwanelo tsa batho ka mo karolong ya thutogodimo.

Tona ya Thuto fela maloba o bopile komiti go sekaseka mefuta yotlhe ya kgethololo ka mo ditheong tsa sethaba tsa thutogodimo le go tla ka megopolo go thibelela kgethololo le go godisa botsalano magareng a ditso.

Ka go diragatsa boikarabelo jwa bone, komiti e kopa dingongorego tsa batho tse di kwadilweng go tswa mo bathong, ditheong le mo dithulaganyong tse di nang le kgatlhego mo diphetogong tsa mo thutogodimong. Tlhaloso e e romelwang e tshwanetse go lebelela dithulaganyo kapa maitemogelo a sebele ka ga mokgwa wa kgethololo ka mo thutogodimong.

Ditlhagiso di ka romelwa ka go dirisa eposo kwa HEtransformation@doe.gov.za (Link: mailto:HEtransformation@doe.gov.za) kapa ka fakese kwa (012) 328 6029. Batho ba ka ikopantsha gape le Moh Babalwa Ntabeni-Matutu kwa (012) 312 5251/5239.

Letlha la bofelo go romela ditlhagiso ke 30 Motsheganong 2008.  Ditlhagiso di tshwanetse go romelwa kwa atereseng e e latelang:

The Secretariat
Ministerial Committee on Higher Education Transformation
Department of Education
Room 534
123 Schoeman Street
Sol Plaatjie House
Private Bag X895
Pretoria
0001

Khansele ya YBB fela maloba e ile ya tlhalosa megopolo ya bone ka ga mathata a a leng teng ka mo sethabeng le mo karolong ya thutogodimo jaaka mathata a botso, bong, go tlhoka boitshwarelo le go tshaba batho ba dithaba tse dingwe, kgoto le bonokwane.  Tumelo le ditebogo ka ga tse di dirilweng ka mo ditlheng tse ka mo morafeng wa YBB di ntshitswe mme Khansele e itlamile go dirisana le go dira ka maatla go lwantsha mabaka a.

Klika fa (Link: http://www.nwu.ac.za/opencms/export/NWU/html/news/Persvrystellings/press06_t.html) go ka bona tlhagiso e e neng e ntshitswe ke Khansele

