Polelwana ya letswaokgwebo ya rona e tlhalosa popo e e kgethegileng ya rona






Poposewa ka pharologano  polelwana ya letswaokgwebo ya mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) - e tloga e bontshiwa mme e phedisiwe ka go e maketa le go e neeletsana le ka matsholo a papatso ka maikaelelo a go tokofatsa le go aga maatla a letswaokgwebo la Yunibesiti.

Polelwana e e lebaganeng le tlhaloso ya letswaokgwebo le kemo ya Yunibesiti mme e akantswe thata morago ga go ntsha kgaisano ya go romela ditlhagiso mme polelwana e e tswa mo Khampaseng ya Potchefstroom go tswa go moithuting wa MA yo e leng Moh Malebo Matlala.

Moh Matlala o gapile madi a kana ka  R5000 ka go romela kakanyo ya gagwe ya polelwana ya letswaokgwebo e e tlhalosang mowa le kemo ya Yunibesiti le letswaokgwebo ka nepagalo.

Polelwana ya letswaokgwebo e dumetswe ke Balaodi ba Setheo ka letsatsi la 22 Moranang 2008 morago ga tirego ya tshekatsheko ya ditlhagiso di le 231 tse di amogetsweng ka mo kgaisanong e e neng e kgweediwa ke ICBID(Institutional Corporate Brand and Identity Committee) le moitsegotlhe wa matshwaokgwebo wa kwa Gauteng.

Polelwana ya letswaokgwebo e tla dirisiwa sewa mo maemong a ya jaanong jaana ya  Getting it right, Ons doen dit reg, Re dira sentle mme e tlile go tlhomelwa ka mo Ofising ya Setheo le mo dikhampaseng tse tharo.

Polelwana ya letswaokgwebo e tlhalosa gotlhe-gotlhe maikaelelo le togamaano tsa rona mme e tlhalosa ka tsenelelo pharologano ya rona mme e dira gore baithuti le badirimmogo ba rona ba nne se ba ratang go nna sone mme mo bofelong go tokofatswe mowa wa rona wa poposewa, ga re Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-mokanseliri.

Go ya ka Moh. Phumzile Mmope, Mokaedi Mokhudutamaga: Merero ya Korporatifi le Kamano, polelwana ya letswaokgwebo e e nthwa e tshwara bokao le mowa wa se se re tlhaolang ka mo karolong ya thutogodimo le go feta.

