Go toloka ka nako e le nngwe ga YBB go tswela thuto mo dikarolong tsotlhe mosola






Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke yone yunibesiti e le nngwe mo Aferika Borwa mo go rutiwang ka go dirisa batoloki ba dirutwa tse di farologaneng mme tiro e e tlisa le mesola ya selegae le kagiso mme se se dirile gore Komiti ya Palamente ya Thuto e tlhagise gore Yunibesiti ya Foreisetata(UFS) e simolole go dira tirelo e le kwa go bone morago ga go na le mathata a botso a a maswe a bonagetse mo tshimologong ya ngwaga.  Gape le Lefapha la Molao le bontshitse kgatlhego go ka dirisa tirelo e ka mo makgotlheng a bone, ga bua Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-mokhanseliri wa YBB.

Ngk Eloff o bone go toloka ka nako e le nngwe e diriwa ka katlego kwa Codesa (Convention for a Democratic SA) mo dilemong tsa tshimologo ya 1990. Ga ke moitsedipuo mme tlhaloganyo ya mme e mpoleletse gore fa tirelo e e ne e dira sentle kwa Codesa go ne go ka diragala eng gore e se dire sentle le ka mo diphaposiborutelo, a bua gape.

Bontsi jwa diyunibesiti ka mo Aferika Borwa di dirisa Seesimane fela kapa ba ruta thuto e le nngwe gabedi mo thuto e bueletswang ka puo e nngwe, nako e ntsi ka Seesimane le ka Seaferikanse.

YBB e simolotse teko ya go toloka ka 2003, mme bafetoledi ba dula ka mo diphaposiborutelong mme ba buele kwa tlase ka mo didirisong tse di maemo a a kwa godimo a thekenoloji ya medumo mme ba fetole go tswa mo Seaferikanseng go ya kwa Seesimaneng, ga re Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Bokaedi jwa Setheo jwa Merero ya Dipuo ka mo YBB.

YBB e ile ya lemoga gore tirelo e ya go toloka ka nako e le nngwe ga e fetole maduo a baithuti ka sepe mme gape se se botlhokwa ke gore baithuti ga ba kgaogangwe go ka ka mebala le dipuo le ditso. Gape ga go na ditshenyegelo tse dintsi mme ga go oketse tiro ya batlhatlheledi mme ba ruta ka puo e ba e tlwaetseng mme ba ruta thuto gangwe fela.
Go diragatsa diphetogo. Ga go tshwane le fa o na le motlhatlheledi yo o rutang ka Seesimane mme o ikutlwa o tlhaloganya mme o atametse go feta le tiro e e rutiwang, ga re Pontso Motsau, dilemo tse 22, moithuti wa ngwaga ya bone wa boenjineri jwa Khemikale.

Go ya ka Moporof Prof Verhoef YBB e na le maano a go godisetsa porojeke e ya go toloka ka nako e le nngwe go ya le kwa Khampaseng ya Mafikeng le go fetolela kwa Setswaneng.  Mosola o mongwe o o ka tswang mo ke gore dithuto tse di tla tolokelwang kwa Setswaneng ke tsa baithuti ba ba ithutang go nna barutabana ba kgala ya motheo.  Kgala ya motheo ke dilemo di le tharo tsa ntlha tsa sekolo tsa dikereiti tsa 1,2 le 3 le ngwaga pele ga tse e e bidiwang kereiti ya R.  Go ya ka pholisi ya sethaba bana ba dilemo tse ba tshwanetse go rutiwa ka puo ya bone ya gae gore ba kgone go tlhaloganya ditlha botlhokwa go feta.

YBB gape e simolotse porojeke e nngwe gape ya katlego kwa sekolong sa mo Potchefstroom sa Central Primary School, mo dithuto tsa dipalo di tolokiwang ke motoloki wa YBB go tswa kwa Seesimaneng go ya Setswaneng.



