Mokwadi yo o itlhaotseng o tlotliwa ka go Abelwa PhD






MAFIKENG  Mokwadi yo o itlhaotseng  yo o tlotliwang le morutabana wa moitseanape Joseph Matlhasedi Ntsime o tlotlilwe ka go abelwa PhD ya tlotlo ke Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka nako ya dikapeso tsa letlhafula tse di fetileng fela maloba.

Ka go dirisa maitemogelo a gagwe le phisego ya gagwe ya bokwadi, Ngk. Ntsime o buile le baithuti ba ba 193 ba baamogedi ba didkerii tsa Bosaense jwa Botho le Selegae ka nako ya go amogela kabelo ka go ba raya gore bana ba ka rutiwa maitseo ka diane le maele mme o gateletse botlhokwa jwa go godisa setso sa go bala mo baneng le mo baweng fa ba sa le bannye.

"Merafe e mengwe e tsweletsa mme e sireletsa dipuo tsa bone ka go balela bana ba bone dikinane ka nako ya boroko mme rona re tlogela bana ba lebelela thelebiene go feta bosigogare a tswelela go bua.

Mokwadi wa ditlhangwa tsa Setswana wa dilemo di le 78 le Motlatsa-Tona wa Thuto wa pele wa mo mmusong wa pele wa Bophuthatswana o tsere karolo e kgolo go tlhomela Kgaolo ya Ditirelo tsa Dipuo ka mo Lefapheng la Thuto le Katiso. Ngk Ntsime o tsere karolo mo tirong ya go fetola makwalo a mmuso le Hansard mme o tlhobolotse le mareo ka gale. Gape o ne a le motseleganyi mme a gatisa makasini ya Setswana ya "Utlwang e e neng e bolela ka ga dikgang le merero ya letsatsi le letsatsi.

Ka 1964 Ngk Ntsime o ne a thapilwe go nna motlhatlhobi le molekanyetsi wa dipampiri tsa tlhatlhobo tsa Setswana ka mo dikolong. O kwadile dibuka tse dintsi jaaka Bosaense jwa Kakaretso le Thuto ya Bodumedi mo dikolong tse di kwa tlase le tse di kwa godimo mme o kwadile le maboko a Setswana(jaaka buka ya maboko ya Tswina le PSL's Leepile Taunyane), dikinane le dikgangkhutswe.

Ka 1977 Ngk Ntsime o thapilwe go nna Motseleganyi wa Kgosi wa bukantswe ya Setswana ka mo Setheong sa Dithuto tsa Aferika mo Yunibesiting ya pele ya Yunibesiti ya pele ya Bophuthatswana (jaanong ke Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB). O diretse dikomiti tse di farologaneng jaaka Komiti ya Puo ya Setswana ya Lefapha la Thuto le omiti ya Puo ya Setswana ya Radio bantu ya pele mme o dirisane go tlhabolosa diporokerama tsa radio tsa Setswana go ka tlhotlheletsa kitso le tiriso ya puo le ditlhangwa tsa Setswana.

Ngk Ntsime gape o amogetse le palo ya dikabelo tse dingwe jaaka Kabelo ya Ditlhangwa ya Sol Plaatje ka dingwaga tsa 1980, Kabelo ya Mokwadi yo o Itlhaotseng wa Ditlhangwa tsa Setswana e e abetsweng ke Lefapha la Sethaba la Diatshe le Setso ka 2005, le kabelo ya Dipuodintsi le Mokwadi yo o Agang Sethaba wa Dingwaga tse Lesome wa Setswana le gape kabelo Mokwadi yo o Itlhaotseng wa Setswana mme dikabelo tse di abetswe ke PANSALB(Pan South African Language Board) ka 2008.

Ngk Ntsime o solofeditse go tswelela ka kabelo go tsweletsa puo mme babadi ba gagwe ba emetse ka boitumelo se se tla tswang mo peneng ya gagwe jaaka dibuka tse di amang pelo.



Ngk Ntsime, Mokwadi yo o itlhaotseng  yo o tlotliwang le morutabana wa moitseanape o tlotlilwe ka go abelwa PhD ya tlotlo ke Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka nako ya dikapeso tsa letlhafula tse di fetileng fela maloba tsa Bosaense jwa Botho le Selegae.



Ngk Ntsime le Ngk Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khampase ya Mafikeng.



