Motlhatlheledi wa bogologolo o timetse






POTCHEFSTROOM - Motlhatlheledi wa bogologolo wa PU vir CHO(Potchefstroom Universiteit vir Christelike Hor Onderwys) ya pele, e jaanong e leng Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o timetse mme malatsi a a fetileng o ntse a batliwa morago ga go ya go tsamaya mo polaseng mme jaanong jaana ga a ise a boele gae.

Mor Adrianus Juyn, o itsiwa ka leina la Oom Adri (78), ka Lamatlhatso wa letsatsi la 3 Motsheganong 2008 o ne a tswela kwa ntle mme a ya go itsamaela ka mo polaseng ya  Kromdraai gaufi le borogo ya Schoemansdrift mme go fitlhela jaanong jaana ga a ise a bonwe.

Go ya ka dikgaso tsa mo sejalemoweng Oom Adri o tsamaile le mongwe ka koloi go tswa mo kgabaganyong ya ditsela ya Vredefort le Parys go fitlha kwa Rhenosterspruit gaufi le Kroonstad ka mo tselang ya S156 mme mapodisi ba santse ba mmatla kwa ntle ga go ikhutsa.

Oom Adri o ne a apere jeresi e pududu, borukgwe bo botala le hempe e dikhutlo-khutlo. Palogare ya botelele jwa gagwe ke  1,85m mme boima ke 70kg. O rwala le digalase mme o tlhogo e e pududu le ka ditedu. Ene ke molwetsi wa Alzheimer mme o tlabonwa a tlhakane tlhaloganyo nako e nngwe le e nngwe.

Oom Adri pele a ne a le motlhatlheledi mo PU vir CHO mo a neng a ruta bojenalese le popo ya ditsebe.  O ne a diretse le dikuranta tsa Rapport, Potchefstroom Herald, Vaderland, Dagbreek le Sondagnuus ka go ba romela dikgang.  O itsiwa le ka mo tikologong ya bolemirui ka lebaka la tirisanommogo ya gagwe le Nampo.

Morwa wa gagwe ke Attie Juyn yo e leng Mokaedi: Thekenoloji ya Tshedimosetso(IT) mo YBB.

Mongwe le mongwe yo a nang le lesedi ka ga kgang e a ka itshwaragantsha le Mokapetene Gemis Taljaard kwa 082 411 2612 mme fa mongwe a ka mmona o kopiwa gore o mo ise kwa seteiheneng ya mapodisi.

Bula gape - http://www.adri.co.za/ (Link: http://www.adri.co.za/)



Oom Adri Juyn motlhatlheledi wa bogologolo wa PU vir CHO(Potchefstroom Universiteit vir Christelike Hor Onderwys) ya pele, e jaanong e leng Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o timetse mme malatsi a a fetileng o ntse a batliwa morago ga go ya go tsamaya mo polaseng mme jaanong jaana ga a ise a boele gae.

