Kitso ke Maatla






VANDERBIJLPARK Porojeke ya Ikateleng ka mo Khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  fela maloba e bone kabelo ya madi go tsweletsa porojeke go tswa go Graftech ka kabelo ya madi a kana ka R120 000.

Porojeke e e ka tlhaloswang ka go re ke go itsholetsa le go ipha maatla le tlhometswe ka 1988 kwa Khampaseng ya Vaaldriehoek e rile merafe ya kwa Vaaldriehoek e bona gore boleng jwa thuto ka mo dikolong tsa makeihene ga bo kgotsofatse mme ba kopa Khampase ya Vaaldriehoek go ba thusa. Go tloga nako eo porojeke e setse tlhabolotswe gore e tlhomelwa ke YBB mo diporofenseng tse nne mme e rutiwa mo Potchefstroom, Mafikeng, Taung, Zeerust, Brits le Upington.

Se se kgatlhisang ka kabelo go tswa go Graftech ke gore tirisanommogo ya bone e sa le e simolotse le porojeke ka kemo nokeng ka madi mme ba bontsha gore tumelo ya bone ya go godisa baswa le go ba thusa ke se ba se bonang se le botlhokwa.

Go ya ka Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaaldriehoek go tsaya karolo ga korporasi e ke sekao sa Graftech sa go tswelela go ema nokeng le go tsholetsa merafe ya mo ba tsamayang teng. Ka dikabelo tse di tshwanang le tse go diporojeke tse tsa mosola dikorporasi di tlisa ditena tsa go aga bokamoso le tswelelopele le katlego le ponelopele ka mo Aferika Borwa ga bua moporof Prinsloo.

Maikaelelo a porojeke ke go tsholetsa palo ya barutwana ba ba letlelelwang go tsena mo diyunibesiting ka go ba fa thuso le dithuto tse di kwa thoko tsa go tlaleletsa go barutwana ba ba tlhophilweng ba Kereiti ya 12 mo dirutweng jaaka Dipalo, Dipalo tsa Kitsokwalo, Bioloji, Palotlotlo, Saense, Ekonomi le Seesimane.  Barutabana ba ba rutang ke ba go tswa mo dikolong tse di dirisanang mo porojekeng mme ke ba ba biditsweng maina ke diporinsipala tsa bone.

Letlhole la porojeke e le tladiwa ka go kopa le go amogela madi go tswa mo dikorporasing le mo difemeng mme se se dira gore Yunibesiti e kgone go duela gotlhe jaaka thwalo, dijo, tuelonyana go barutabana le go ka fana ka dibuka tsa dirutwa mo di tlhokegang teng.



Graphtech fela maloba e abetse kabelo ya madi a R120 000 go porojekeng ya Ikateleng. Ba ba neng ba le teng ka nako ya kabele ke go tswa mo molemeng, barena Kosie Marx (Graftech), Abey Kgotle (Graftech), Rajen Dewnarain (Graftech) le moporof Piet Prinsloo (Moreketoro wa Khampase).

