Ci-Lab e itlhaotse ka mo sethabeng le dithabathabeng






POTCHEFSTROOM  Baithuti ba ngwaga ya bofelo ba ba itlhaotseng ba dirile gape gore Ci-Lab(Creative Intelligence Lab) ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  tlhophiwe go nna mo maemong a bobedi nwaga ya bobedi jaanong mo kgaisanong ya ditheo tse di rutang go bopa ka gerafiki mo sethabeng mafelo a 2007.

Kitsiso e e dirilwe kwa kopanong ya maphatsi-phatsi ya South African Communication Design Council ya ngwaga le ngwaga ya kgaisano ya ThinkAhead ya baithuti ba ngwaga ya bofelo.Palogare ya baithuti ba ba 200 go tswa kwa ditheong di le 25 tsa thuto godimo ba ne ba ikwadisitse mo kgaisanong.

Baitlhaodi ba YBB ka kgaisano e e ne e le Tanya Geel yo o amogetseng kabelo ya potefolio ya gauta le tse pedi tsa silifara gammogo le Christo Kruger ka kabelo ya silifara le kabelo e nngwe gape ya meriti, mme Wynand Botha le  Rach Kitching ba amogetse mongwe le mongwe kabelo tsa meriti le bone.

Katlego e e latela ngwaga e e neng e tletse ka dikabelo jaaka go amogela kemo nokeng ka letlhole la Sappi Ideas That Matter le katlego e nngwe gape ya gore go ne le ba babedi mo kgaisanong ya SABS Design Achiever.

Ci-lab le ka 2007 e ne e fentse dikabelo tsa di-Loerie ka dikabelo tsa ngwaga le ngwaga tsa Pendoring le Student Goldpack Awards ya Institute of Packaging South Africa mo go fentseng baithuti ba bantsi ka dikabelo tsa gauta.

Mo godimo ga dikabelo tsa mo gae Ci-Labe bone le dikabelo tse dingwe tsa tlotlo go tswa dithabathabeng. Ci-Lab e ragile dithole ka mo matlhong a ditheo jaaka AAA School of Advertising (dikabelo tse nne), Yunibesiti ya Pretoria (kabelo e nngwe) le Vega The Brand Communications School (dikabelo tse pedi) ka go fenya dikabelo tse 8 mo go tse di 15 tse di abetsweng Aferika Borwa mme gape ba tsaya kabelo e nngwe ya tse pedi tsa meriti tse di abetsweng ke International Society of Typographic Designers.

Dikabelo tse dingwe tsa dithabathaba ke go tswa mo maemong a disemifaenale tsa kgaisano ya Adobe Design Achievement tsa World Packaging Organization.

Go ka amogela tshedimosetso e nngwe, ikopantshe le Richardt Strydom kwa richardt.strydom@nwu.ac.za (Link: mailto:richardt.strydom@nwu.ac.za), (018) 299 4207, 082 575 0923 kapa Ian Marley kwa ian.marley@nwu.ac.za (Link: mailto:ian.marley@nwu.ac.za), (018) 299 4091, 082 495 6307.



Go tswa mo molemeng ke mor Richardt Strydom, motlhatlheledi, Catherine van Jaarsveld, Leana de Beer, Carla Erasmus, moporof Paul Schutte, Mokaedi wa Sekolo sa Dithuto tsa Neeletsanyo, Gert Schoeman, moh Colette Lotz, motlhatlheledi, mor Wessie van der Westhuizen, motlhatlheledi, moporof  Annette Combrink (Moreketoro wa Khampase), Christo Kruger, Renier Zandberg le mor Ian Marley, motlhatlheledi.



Tanya Geel o itlhaotse ka tlotlo ka mo kgaisanong ya ThinkAhead ya baithuti ba ngwaga ya bofelo.

