Dirweboleta go tlahomamisa mopeleto mo Aferika






POTCHEFSTROOM  Senteramo ya Thekenoloji ya Mokwalo(Centre for Text Technology (CTexT)) ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  jaanong jaana e dira tiro ya go bopa tlotlofoko ya dipuo tsa mo Aferika ka se e le karolo ya Microsoft ya Dipuo tsa mo Gae.  Tlotlofoko ke data ya mafoko go tswa mo puong e e rileng le go e oketsa le go e ntshwafatsa ka tshedimosetso e e oketsegileng go ka e dirisa go tlhabolola diporokerama tsa thekenoloji ya puo jaaka dirweboleta tse di tlhomamisang gore mopeleto o siame.

Mosola wa tiro e ke fa batho ba ka mo Aferika tshono ya go dirisa dirweboleta tsa dikhomputara tsa tafole ka dipuo tsa bone le gore ba kgone go dirisa thekenoloji e ba e itseng e e tlotlang le dipuo le ditso tsa bone e e rileng. Porojeke e ikaeletse go kgobokantsha tlotlofoko ya dipuo tse tlhano tsa ditikologo tsa mo Aferika jaaka Sehausa, Seigbo, Sekinyarwanda, Sewolofo le Seyoruba tse di dirisiwang ka mo dithabaneg tsa Nigeria, Senegal, Equatorial Guinea, Burkina Faso, Togo, Niger, Ghana, Rwanda le Mauritania.

Baithutadipuo ba Khomputara ba CTexT, baithutadipuo ba Nigeria le ba USA, le Setlhopha sa Dirisiso tsa Diteko ba kwa Microsoft kwa Ireland ba dirisana gaufi mo porojekeng e. Microsoft e na le maikaelelo a a tswelelang go fetola dirweboleta tsa dikhomputara go arabela ditlhokego tsa batho ba dithaba tsa mo Aferika, ga re Ngk Cheick Modibo Diarra, modulasetulo wa Microsoft mo Aferika.  Porokerama ya rona ya Dipuo tsa mo Gae ke e nngwe ya mekgwa ya rona go dira bophara jwa mmaraka ya rona le go maatlafatsa badirisi le badirimmogo ba diporokerama tsa rona. Go tlisa tlhabololo, go gola le kgodiso ya dipuo tsa ditikologo le go tokofatsa thekenoloji ya tshedimosetso ka mokgwa o o tlaleletsang mme o le botlhokwa jwa go tlisa tlhabololo ya diekonomi, a tlhalosa gape.

CTexT e dirisane ka maatlafatso ya dipuo tsa mo gae le tsone ka tlhabololo ya dirweboleta tsa go leka mopeleto wa dipuo tse tlhano ka mo Aferika Borwa jaaka Seaferikanse, isiXhosa, isiZulu, Sesotho sa Leboa le Setswana.

Go ka amogela tshedimosetso ka botlalo ikopantshe le Moira Mller kwa (018) 299 1541 kapa kwa Moira.Muller@nwu.ac.za (Link: mailto:Moira.Muller@nwu.ac.za)



