Tona ya Thuto e eta ka mo YBB






POTCHEFSTROOM  Tona ya Thuto, moh. Naledi Pandor, fela maloba a ne a etile ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) go tla go bula semmuso dikago tse dinthwa tsa Fakalthi ya Bosaense jwa Thuto.

Tona Pandor a re o akanya gore e nngwe ya dikgwetlho tse di kgolo tsa diyunibesiti tsa mo Aferika-Borwa ga se fela go lebelela thuto ya nnete mme ke go ruta bawa ba gompieno le go ba baakanyetsa go nna baetapele ba ka moso ba boikarabelo ka mo merafeng ya bone.  Ditiragalo tsa mo dikhampaseng tse di farologaneng tsa thuto godimo ke tsone tse di bontshang dikgwetlho tse di emetseng bophelo bo bonthwa jwa rona ka mo sethabaneng.

Go ya ka Tona Pandor ga se tshwanelo gore go lebelelwe fela dithuto tsa nnete tsa dirutwa tsa kharikhulamo mme go tshwanetse go lebelelwe tlhabololo ya motho yotlhe ka mo popong ya bawa gore ba tseye karolo e e boikarabelo ka mo sethabeng.

Ditheo tsa Thuto Godimo di na le tiro e kgolo e e bophara ka mo merafeng  tiro ya boetapele jwa sethaba. Ke boikarabelo jwa diyunibesiti go tlhomamisa gore tiro e ba e dirang mo thutong e e kwa godimo e sireletswa mme e maatlafatswa ke dikakanyo tse di botlhale tse di siameng mme tse di thusa go oketsa dikakanyo tsa bophara tsa batho le tsa botho le tsa setso, ga bua ene Tona.

Tshimologo ya rona ya go tlisa diphetogo mo thutong e e kwa godimo ke gore re tsaya karolo ya boetapele ka mo bophelong le mo setsong le mo tlhabololong ya ekonomi. Karolo e tshwanetse go arabela dikgwetlho tse pedi tse di tsamaisanang tsa go lekalekantsha le go tlhabolosa. Go ka fitlhela tse diyunibesiti di tshwanetse go tokofatswa ka maano, bolaodi le go emiwa nokeng ka madi.  Matlhole a madi a ka fokotswa fa e le gore diyunibesiti ga di arabele tse, ga tlaleletsa Tona.

Ka go supa dibeboftsi tse dinthwa tsa thuto ka mo Khampaseng ya Potchefstroom o rile gore ka mo dirutweng tse di rileng tsa togamaano go na le tlhokego ya barutabana mo dikolong. Thata tlhokego ka mo dipalong le mo saenseng le mo kgaleng ya motheo le thuto ka mo dipuong tsa Aferika. O dirile kopo ya gore YBB e tseye matsapa go arabela ditlhokego tse.



Tona ya Thuto e ne e tsene mokete wa go bula semmuso dikago tse dinthwa ka mo Fakalthing ya Bosaense jwa Thuto mo Khampaseng ya Potchefstroom ka mo YBB. Go tswa mo molemeng go na le baporof Maritte Lowes, Motlatsa-moreketoro:Akatemi, Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase, Ngk Themba Mosia, Mokwadisi wa YBB, moh Naledi Pandor, moporof Petra Engelbrecht, Diini ya Fakalthi ya Bosaense jwa Thuto le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB.

