Khampase ya Vaal Triangle e amogela baithuti ba ngwaga ya ntlha ba banthwa






VANDERBIJLPARK  Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e amogela baithuti ba ngwaga ya ntlha ba banthwa ba ba fetang 1000.

Mo tirelong ya go ba ammogela semmuso Moreketoro wa Khampase, Moporof Piet Prinsloo, o tlotlile baithuti ba banthwa ka kgetho ya bone mme a ba tlhotlheletsa gore ba direla nako ya bone ya go nna baithuti ka maatla. Ka puo ya gagwe Moreketoro o gateletse gore lefelo la tiro le nne le fetoga mme le ditlhokego go modiri di nna di fetoga mme di nna thata go feta.

Kgwetlho go ya ka Moporof Prinsloo ke go itlhaola go nna moetapele le mokgwebi o monthwa. Diyunibesiti ga di tlhole di le ditheo tse di fananang fela ka didikerii mme ke merafe e menyane ka mo baa ba bopiwang go nna bagolo ba ba nang le tekatekanyo le boikarabelo ka bokamoso jo bo lesedi le ponelopele le kgweetso go nna baambasatara ba diphetogo. Ka go dira jalo ba nna ditena tsa Aferika Borwa ya tswelelopele le katlego a tswelela go tlhalosa.

Go ya ka Moporof Prinsloo, go lebelwa batho ka mo mafelong a tiro mme ke ka lebaka le baamogeladidikerii ba kgatlhatswang, jaanong go feta pele, ka dikgwetlho tse di rileng go feta pele. Senotlolo sa katlego ke go ikemisetsa le go itlhaola go nna baetapele. Ipulele le ditso tse dingwe, dikakanyo tse di farologaneng tsa hisitori le dikgolaganyo tse dinthwa, leka melelwane e menthwa ya kakanyo le ditiro, a tswelela go bua.

Moporof Prinsloo o rile gore baithuti ka mo khampaseng ya Vaal Triangle ba na le molemo wa go ka phedisa filosofi ya

Ubuntugo tloga ka ngwaga ya bone ya ntlha ka gore Khampase e na le khumo ya dipharologano tsa ditso. Ponelopele e tshegetswa ka mo Khampaseng gore mongwe le mongwe wa tokolo ya morafe wa khampase o tla ithatela dipharologano tsa khampase mme ka nako e le nngwe ba itumelele le bongwe jo bo leng teng.

Motlatsa-mokhanseliri wa YBB, Ngk Theuns Eloff, o gateletse le ene gore kopano ya diyunibesiti e bonwe e le kgang ya katlego e kgolo mme le gore jaanong jaana YBB ke yunibesiti e kgolo go feta ya bothataro mo lefatsheng la rona ka baithuti ba ba 52 000 ba ba kwadisitsweng ka mo dikhampaseng tse tharo. Go tswelela Ngk Eloff o tlhomamiseditse gore YBB e tswelela go direla boitseanape mo ngwageng e tlang le gore tirokgolo ya YBB e e leng go batlisisa le go ruta le go ithuta, e tla tswelela fela jalo.



Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e amogela baithuti ba ngwaga ya ntlha. Gammogo le baithuti go na le Mor Mega Tebakang, Moporesidente wa SRC, Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri.



