Tirelo ya YBB ya go toloka e godisiwa le go ya dikolong






POTCHEFSTROOM  Ngwaga e bana ba ba supa go tswa mo go ba ba 14 ka mo kgaleng ya motheo mo phaposing ya bana ba ba thusiwang kwa sekolong sa Central Primary School ka mo Potchefstroom ba itsisitswe tirelo ya go toloka ya kwa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mme jaanong ba kgona go utlwa dithuto tsa bone tsa dipalo ka leleme la bomme.

Moh Dipuo Maphakathi, motoloki wa Bokaedi jwa Dipuo jwa mo YBB o tolokela barutwana go tswa kwa Seesimaneng go ya kwa Setswaneng.  E nngwe ya maikaelelo a porojeke ke go tlhomamisa gore go tolokela kwa lelemeng la ga mme go ka fetola jang go tlhaloganya tiro ya bana le gore go tokofatsa jang tirisanommogo ya bone mo phaposing le go bona gore a maduo a a oketsega.

Ka go oketsa tirelo ya mo YBB, Central Primary ke setheo sa boraro se se bonang mosola wa tirelo ya botoloki ya YBB. Go tloga tlhomelo ya Tirelo ya Bokaedi jwa Dipuo ya go tolokela ka nako e le nngwe ka mo diphaposing tsa borutelo ka mo dikhampaseng tsa YBB gore ba tle ba bulele ditsela mo diporokerameng tse di tlhokegang, tirelo e ne ya godisiwa le go ya kwa Potchefstroom Agricultural College le kwa sekolong sa Horskool Frikkie Meyer kwa Thabazimbi.

Le fa tirelo kwa Frikkie Meyer e ile ya tlhomelwa fela ka mo phaposing ya bosaense jwa khomputara, jaanong e tlabolotswe le kwa dirutweng tsa bioloji le ekonimiki ya kgwebo mo digerateng tse di junia mme batoloki ba bangwe ba setse ba katisitswe mme ba dirisiwa.
Ka lebaka la dikatlego tsa kwa Frikkie Meyer le gape mo Central Primary School, jaanong jaana e lebelela bokgoni jwa go ka godisa tirelo e go ya kwa dikolong tse dingwe - ka tsholofelo, gongwe kwa diporofenseng tsotlhe, ga bua Moporof Verhoef Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo ka mo YBB.

Kwa Kholetheng ya Bolemirui ya mo Potchefstroom, tirelo e diriwa mo dikhoso tsotlhe mme mo dikhampaseng palo ya dithuto di oketsa ngwag le ngwaga go fitlhela tirelo e okeditswe go fitlha kwa dingwageng tsa boraro le tsa bonne.

Jaanong jaana go na le palogare e e ka nang 60 ya batoloki le batlatsi ba ba thapilweng ke Bokaedi jwa Dipuo jwa mo Setheong mo dikhampaseng tse di farologaneng tsa YBB mme go tloga ka tlhomelo ya tirelo e YBB e setse e amogetse baeng go tswa kwa diyunibseiting tse dingwe tsa dipuo tse dintsi go ka kgona go tla go bona tirelo ya botoloki

Bokaedi jwa Dipuo, ka tirisanommogo ya badirimmogo ba diyunibesiti tse dingwe ba ikaeletse go kwala diathikele tsa patlisiso tse di mmalwa ka tlhogo ya bofetoledi ka mo thutong.



Barutwana ba babedi ba kwa Central Primary School ba reetsa go dirisa dimaekerofouno go ka utlwa monate thuto ya bone ka Setswana, leleme la bomme.  Kwa morago go na le Moh. Dipuo Maphakathi, motoloki wa Bokaedi jwa Dipuo wa YBB, yo o boikarabelo go tolokela go tswa kwa Seesimaneng go ya kwa Setswaneng.



