Tshwara poo ka manaka mo Porokerameng ya Balaodi ba Bokamoso






POTCHEFSTROOM  Sekolo sa Kgwebo sa mo Potchefstroom (PBS) ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba se ile sa bopa Porokerama ya Balaodi ba Bokamoso (Programme for Emerging Managers (PEM)) go ema nokeng batsamaisi ba mo moleng wa ntlha gore ba kgone go tsena mo diphatlhatiro tsa bolaodi.

Balaodi ba bantsi ba ba nang le bokgoni nako e ntsi ga ba kgone go tselela godimo go nna balaodi ka gore ba tlhoka dithuto le maitemogela a bolaodi.  PEM e bopilwe gore o tlatse tlhokego e e leng teng ya bokgoni mme e tla fa batsamaisi ba mola wa ntlha ka motheo o o tiileng wa bokgoni jwa kgwebo le kitso gore go tlhabololwe tlhaloganyo ya bone le go oketsa boleng mo setheong le gore ba emele tlhatlhoso go ya kwa godimo.

Porokerama e bopilwe ka ditlhogo tse di tshwanang le mekgwa ya tlwaelo ya tsamaiso e e siameng, taolo ya batho, taolo ya ditiro le taolo ya metswedi ya dithelete mme gotlhe go kwadisitswe ka mo leweleng ya botlhano ya Thulaganyo ya Dithuto ya Sethaba (National Qualifications Framework (NQF)).

Porokerama e na le diboloko tsa thuto tse nne tsa ruri tsa thuto tsa malatsi a mabedi mo go e nngwe le e nngwe mme di tla simolwa ka Motsheganong, Seetebosigo, Phatwe le Diphalane.  Botlhokwa jwa tiriso ya kitso le mabaka a tiori,  baithuti ba tshwanetse go dira ditiro le go kwala tlhatlhobo ya dibuka tse di butsweng. Go ka amogela tshedimosetso o ka ikopantsha le Cornelia Veldman kwa (018) 299 1419 / pbsinfo@nwu.ac.za (Link: mailto:pbsinfo@nwu.ac.za) .

Klika fa go bala go feta...&nbsp; (Link: http://www.puk.ac.za/fakulteite/ekon/pbs/Programme_for_Emerging_Managers_e.html)








