Khampase ya Vaal ya YBB e dirisana ka Porojeke ya Kuranta ka mo Thutong






VANDERBIJLPARK  Barutwana ba ba fetang 5 000 go tswa mo dikolong tsa Vaal Triangle ba tla bona mosola wa Porojeke ya Kuranta ka mo Thutong (Newspaper in Education Project (NEP)), e e leng ngwana wa tirisano magareng a Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  le MooiVaal Media.

Porojeke e ne e tlhometswe ka mo Khampaseng fela maloba ka maikaelelo a go tokofatsa boleng jwa thuto ka mo merafeng ya Vaal Triangle ka go godisa setso sa babadi ka mo merafeng le go lwantsha tlhokego ya go bala le go kwala.

NEP e lebeletse go fana ka tshono ya go ka rarabololoa ka tlhaloganyo, go bontsha tlhaloganyo le gore go itemogela mosola wa dikuranta ka mo merafeng ya temokerasi le maitshwaro a theo le go ka ipuela ka kgololesego mme gape le go tlhotlheletsa boikarabelo jwa badudi ba lefatshe gore barutwana ba ne le kutlwelobotlhoko ka ga dipharologano tsa mo merafeng le dipuisano tsa mo merafeng.

Ka nako ya porojeke, tirisano ya barutwana e tla nna go tlatsa paseporoto ya go bala e e tla nang le dipotso tsa ditiragalo tsa go tsamaisana le merafe ya bone tse di neng di le mo media. Morago ga porojeke morutwana mongwe le mongwe yo o dirisaneng o tla amogela setifikeiti.

Ka mo puong ya gagwe, moreketoro wa Khampase, Moporof Piet Prinsloo, o lekantshitse dikolo tsa mo tikologong ya Vaal Triangle le lefatshe la temo e e humileng ka baetapele le bagwebi ba banthwa mme ka lebaka le, Khampase e na le boikarabelo bo bogolo jwa go bopa dithulaganyo tse di kgonang go aga le go fana ka kemo nokeng.

Porojeke ga e sedifatse fela tiro e kgolo e media e e dirang ka mo merafeng mme gape e bontsha boineelo jwa Khampase go tlisa tokofatso ya selegae le go maatlafatsa tikologo, ga bua mme Annette Willemse, Modiredi wa Neeletsanyo ya Korporatifi wa Khampase ya Vaal Triangle.

NEP pele e ne e le kakanyo ya mo dithabathabeng mme e tlhometswe le mo Aferika Borwa ka katlego e kgolo. MooiVaal Media ke kuranta ya mo morafeng e e leng ka mo tlase ga Media24.



Ditokolo go tswa mo Lefapheng la Mebaraka la mo Khampaseng ya mo Vaal Triangle ka nako ya tlhomelo ya Porojeke ya Kuranta ka mo Thutong. Go tswa ka mo molemeng go na le moh Alwine Naude, Moporof Piet van Wyk le moh Carla Dippenaar.



Mor Daan Marx, tlhogo ya sekolo sa kwa Heidelberg Volkskool, gammogo le baemedi ba MooiVaal Media, bomme Ria van Vuuren le Penelope van Vuuren.



Mor Bertie Visser, Mokaedi-mogolo: Dithelete le Dibebofatsi (wa bobedi mo molemeng) le Mor Thys Foord, Molaodi-mogolo: MooiVaal Media (wa bobedi mo mojeng) le diporinsipala tsa dikolo tse di mmalwa tsa mo tokologong ya Vaal Triangle.








