YBB e amogela kabelo ya tiriso ya dipuo tse dintsi






POTCHEFSTROOM - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e dirile go feta ditheo tsotlhe tsa mo thutong e e kwa godimo mo Aferika Borwa ka go abela mo tirisong ya dipuo tse dintsi le go aga sethaba mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Tiro e ya matsapa e dirile gore YBB e amogele kabelo go tswa go PanSALB(Pan-South African Language Board) ka nako ya moletlo o kgatlhisang e e neng e tshwaretswe kwa Emperors Palace kwa Gauteng ka letsatsi la 2 la Tlhakole 2008.

Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo le modirimogolo mo pholising ya YBB ya dipuo tse dintsi, o dumela gore mokgwa o yunibesiti o diragatsang tiro ya yone ya tiriso ya dipuo tse dintsi o amogetse kgatlhego ya baatlhodi mme ga dira gore kabelo e abelwe YBB.

YBB e itumeletse kabelo thata ga bua Moporof Verhoef. E re tlhotlheletsa go tswelela mo tseleng e YBB e e palameng e e leng mo go yone ya dipuo tse dintsi.

Bokaedi jwa Dipuo ya YBB e tlhometse mefutafuta ya diporojeke tsa poponthwa go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi jaaka go kgonagala ka mo Yunibesiting le ka mo tikologong.

Porojeke e nngwe e e bulang tsela ke ya tirelo ya go fetola ka mo diphaposiborutelong e e fang baithuti tshonno ya go ka ikwadisetsa diporokerama tsa akatemi tse di tlhokegang. Ditirelo tsa go fetola ga di diriwe fela ka mo dikhampaseng tsa YBB mme di diriwa le ka mo Kholetheng ya Bolemirui ya Potchefstroom mme gape tirelo e ile ya oketswa gape go ya kwa dikolong. Sekolo sa kwa Horskool Frikkie Meyer kwa Thabazimbi le sa Central Primary School mo Potchefstroom ba setse ba bona maungo a tirelo e mme YBB e akanya go oketsa tirelo e go ya kwa dikolong tse dingwe ka mo diporofenseng tse dingwe.

YBB e ile ya baya repoto e e tseneletseng ka ga pholisis ya dipuo le tlhomelo ya teng ka mo pele ga baatlhodi ba PanSALB ba kgaisano ya dipuo tse dintsi. Kgaisano e ne e rulagantswe ke PanSALB go jela mokete wa gore ba na le dilemo tse di lesome jaanong.

Rhodes University ba dule mo maemong a bobedi ka mo karolong ya ditheo tsa thuto e e kwa godimo.



Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo, o ntsha sehuba ka kabelo go tswa go PanSAT e e abetsweng YBB ka matsapa go godisa tiriso ya dipuo tse dintsi le go aga setshaba mo karolong ya Thuto-Godimo.








