NWU e ruta khoso ya go Simolola Kgwebo le go e Tsamaisa






POTCHEFSTROOM  Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane) kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirma (NWU) o tlile go tshwara gape khoso mo ngwageng ono ya batho ba ba batlang go nna bagwebi, khoso ya Kafa o ka simololang kgwebo ka gone le go e tsamaisa.

Khoso eno e diretswe gore batho ba ba batlang go nna bagwebi, ba rutwe tsela yotlhe e e mosola ya kafa kgwebo e tsamaisiwang ka gone mme ka fela ya ba ba batlang go itlhomela kgotsa go nna le dikgwebo tsa bone.  

Mo mmojuleng wa ntlha, go tlotlwa e bile go sekasekwa dintlha tse di dirang gore bagwebi ba atlege, mme batho ba ba tlileng thutong eno ba newa thono ya itlhatlhoba ka mokgwa o o tshwanetseng.   Mmojule wa bobedi o tlotla ka mekgwa ya go sekaseka kgwebo go bona gore a e itsetsepetse sentle, mme mo mmojuleng wa bo 3, batho ba ba tlileng mo thutong eno ba rutwa go kwala thulaganyo ya kgwebo ya bone.  Mmojule wa bofelo o lemotsha batho ba ba tlileng mo thutong eno dikgono tse ba santseng ba tshwanelwa ke go nna le tsone go tlhomamisa gore dikgwebo tsa bone di nne di ntse di atlegile ka dinako tsotlhe.

Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, khoso eno e ne ya tshwarelwa kwa London lekgetlo la ntlha, morago ga gore PBS le setlamo sa molao se se kwa London, e leng Breytenbachs, di dirisane mmogo mo go emeng Ba-Aforika Borwa ba ba berekang kwa London nokeng ka go ba naya kgakololo ya gore ba ka simolola jang dikgwebo tsa bone fa ba boela mo Aforika Borwa.

Porofesa du Plessis ke mokwadi wa ka metlha wa kholomo ya Sake 24, e e tlhabang botlhale dikgwebo tse dinnye le tsa bogolo jo bo mo magareng, le go naya kgakololo ka dikgang tse dintsi tse di farologaneng malebana le kgwebo le go e laola.   Gape, o lalediwa ka metlha mo lenaneong la Radio Sonder Grenses (RSG) Rand en Sent go tla go naya batho kgakololo mo go lone, gape o abela SA Times e e gatisiwang kwa London ditlhogo tse a di kwadileng ka go tlhoma dikgwebo tse dintha.

Khoso eno e tsaya malatsi a le mabedi, mme tshwarelwa kwa Potchefstroom mme tlhogo ya motho e duela R1200 khoso e le nngwe.  Tsweetswee ikgolaganye le Laurette Strauss mo nomoreng ya (018) 299 1636 fa o na le dipotso tse di oketsegileng.




Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS ka Seesemane).



