Khamphase ya Potchefstroom e amogela baithuti ba ngwaga wa ntlha






POTCHEFSTROOM  Mo e ka nnang diperesente di le 38 tsa baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ba gorogileng mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) ka Lamatlhatso wa di 19 tsa Ferikgong ke ba palogare ya diperesente tsa bone tsa go falola ditlhatlhobo tsa bone e fitlhileng kwa go diperesente di le 75 kgotsa go feta.

Seno ke bosupi jwa gore boleng jwa baithuti ba ba tswang mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya NWU e a tokafala ngwaga le ngwaga, mme seno ke sone se se dirang gore NWU jaanong e bo e na le direiti tse di kwa godimo go di feta tsotlhe tsa go falola ditlhatlhobo ga baithuti mo diyunibesithing tsotlhe mo nageng ya rona. Seno se tsamaisana sentle le go gatelela ga puso gore go tokafadiwa direiti tsa go falola ditlhatlhobo ga baithuti mo ditheong tsa thuto sa theiari.

Fa Reketoro wa Khamphase e leng Porofesa Annette Combrink a ne a neela puo ya go amogela baithuti bano, o ne a bolelela batla-bosheng bano ba ka nna 3 200 mmogo le batsadi ba bone gore Khamphase ya Potchefstroom e boile gape e dirile go feta mokgele o e neng e ipeetse one wa ngwaga ka go nna le palo e e kwa godimo go feta ya baithuti ba ba amogetsweng mo go yone, ba ba tlileng go ithuta dithuto tse di botlhokwa  tse di jaaka famasi, thuto ya dipalo, disaense tsa pholo le boenjenere.

Go boloka boleng jo bo kwa godimo jwa go ithuta le go tlhabololwa ga jone go tsewa masisi tota ka go tlhatlhobiwa ka metlha ga ditlhopha tsa patlisiso mo dinageng tse di farologaneng le go sekasekwa ga tsone ke dikhansele tsa seporofeenale, go bolela jalo Porofesa Combrink.

Go ya ka ene, boikaelelo-bogolo jwa NWU ke go fetola baithuti gore e nne batho ba ba itseng go jela dilo tlhogo, ba ba kgonang go rarabolola mathata le go nna le mekgele mo botshelong gore kwa bofelong ba kgone go baakanyediwa porofeene ya bone ka tshwanelo.

Ngaka Theuns Eloff, e leng Mothusa-Mokanseleri wa NWU, a re o ne a le motlotlo go tlhalosa morago ga dingwaga di le tharo gore go kopanngwa ga ditheo tsa NWU gore e nne setheo se le sengwe fela go atlegile tota. Thulaganyo ya go dira gore go se ka ga nna le pharologano e ntsi thata fa gare ga dikhamphase tseno Yunibesithi e le nngwe, le go boloka tekatekano fa gare ga go tlhagisa matswela a a molemo ga tsone le maitemogelo a tsone le go tlhomama mo tseleng ya tsone ya go dira dilo, go tlhomamisa gore tiro ya konokono ya NWU, e leng go ruta le go dira patlisiso, e ka gatelapele.

Go ya ka Ngaka Eloff, gone jaanong jaana NWU ke yunibesithi ya borataro e kgolo go di feta tsotlhe mo nageng ya rona, e e nang le baithuti ba ka nna 52 000 ba ba ikwadisitseng mo dikhamphaseng tsotlhe tsa yone tse tharo, mme baithuti ba tsone ba ba 24 000 ke ba ba ithutang ba se mo dikhamphaseng tseno. A re NWU e ikaeletse go kwadisa baithuti ba ka nna 5 000 kwa dikhamphaseng tse tharo mono-ngwaga.



Ka Lamatlhatso, Khamphase ya NWU ya kwa Potchefstroom e ne ya amogela mo e ka nnang baithuti ba ngwaga wa ntlha ba le 3 200 mmogo le batsadi ba bone. Mo gare ga batla-bosheng bano, go na le mawelana a modiri yo o tumileng thata wa difilimi le rrametlae e leng Leon Schuster. Go tswa kafa molemeng ke Ngaka Theuns Eloff (Mothusa-Mokanseleri wa NWU), Porofesa Annette Combrink (Reketoro wa Khamphase), Shelley le mmaagwe e leng Lalie, Leon, Ernest le Rre Willem Pienaar (Mokaedi: Tsamaiso ya Botsamaisi jwa Akhademi). Shelley o rulaganyetsa go ithuta Dithuto tsa Tlhaeletsano, mme Ernest ene o tlile go ithutela
Bcom ya kgwebo.



Mofenyi wa kgaisano ya dibui tsa phatlalatsa tsa ATKV (ba bagolo, ba puo e e seng ya gabone ya Seburu) le mosimane yo e leng tlhogo ya diporifekete tsa Sekolo se Segolo sa Waterkloof, e leng Piet Matipa, o ikwadiseditse Dithuto Tsa Tlhaeletsano tsa BA kwa NWU. O tlotla fano le Reketoro wa Khamphase, e leng Porofesa Annette Combrink, le Mothusa-Mokanseleri, e leng Ngaka Theuns Eloff, moragonyana fela ga moletlo wa kamogelo.



