Mmatlisisi wa YBB o thusa go lebelela boitekanelo jwa bana






POTCHEFSTROOM  Diporosente tse di 7 tsa bana ba sekolo ba a goga, 6% ya bone ba goga sekerete ya ntlha pele ba na le dilemo tse di lesome, se se ratiwang go feta go jesa nako ke go bua ke mogala wa letheka, palo e e ka nang 40% ya bana ga ba ikatise sepe kapa gannye fela, mme ba ba sa direng sepe ke setlhopha sa basetsana magareng a dilemo tse di 16 le 19 ba merafe e e neng e setse kwa morago pele.

Tse ke tse dingwe tsa dilo tse di lemogilweng ka mo karateng ya repoto ya boitekanelo jwa bana ba mo Aferika Borwa e e dirilweng ke setlhopha sa babatlisisi go baletswe le Moporof Salom Kruger, yo mongwe wa babatlisisi wa moetapele ka mo dijong tsa bana mo Khampaseng ya Potchefstroom ya YBB.

Babatlisisi ba ba robongwe ba mo Aferika Borwa ba dira ka maatla mo kgaolong ya patlisiso ya boitekanelo jwa bana mme ba kwala repoto ka tirisanommogo ya Setheo sa Bosaense jwa Metshameko sa Aferika Borwa le Discovery Vitality go ka lemoga gore bana ba mo Aferika Borwa ba phela ka boitekanelo kapa kwa ntle ga boitekanelo.

Ditokolo tsa setlhopha sa babatlisisi ba kwa diyunibesiting tsa Kapa, Kapa Bophirima, Bokone-Bophirima, Wits le Khansele ya Patlisiso ya Bongaga, fela maloba ba ile ba kopana kwa Kapa go akaretsa le go tlhaloganya diphitlhelelo tsa dipatlisiso. Setlhopha sa tiro se na le maikaelo a go dira jalo le go nthwafatsa karata ya repoto ngwaga le ngwaga.

Karata ya repoto e lebeletse ka mo dikatlegong tse di bonweng mme mo dikgatong tse di tseilweng go godisa boitekanelo mo baneng.



Moporof Salom Kruger





Karata ya repoto ka ga boitekanelo jwa bana ka mo Aferika Borwa e bopilwe fela maloba ka tirisano ya setlhopha sa babatlisisi.















