Potgieter ke ene fela mmatlisisi wa A1 wa fisika






Moporof. Marius Potgieter wa Yuniti ya Fisika ya Tlholego yo jaanong jaana e leng Mokaedi wa Sekolo sa Fisika ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mo YBB fela malobanyana o amogetse katlholo ya A1 ya bobatlisisi go tswa go NRF(National Research Foundation).  Se ke katlholo e e kwa godimo-dimo e e abelwang babatlisisi kwa NRF.

Potgieter jaanong jaana ke mmatlisisi a le mongwe ka mo tikologong ya gagwe ya thuto ka katlholo ya A1 ka mo YBB. Katlholo ya A e abelwa babatlisisi ba ba itlhaolang go nna baetapele ka mo ditikologong tsa bone tsa patlisiso ka mo lefatsheng ka bophara. Ka Potgieter a le mmatlisisi yo moswa o ile a amogela kabelo ya tlotlo ya NRF Presidents Award.

Potgieter o na le dilemo di le 30 a le modirimmogo ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mme ene o ipona a godisitswe ke Moporof. Pieter Stoker. Moporof. Pieter Stoker, moporofesara yo a thotseng tiro ka mo Fisika, yo a santseng a tswelela ka patlisiso, o jele selemo sa gagwe sa bo masorobedi. Ke ene yo o neng a na le boikarabelo jwa go tlhomela patlisiso le dithuto tsa morago ga didikerii tsa Fisika ka mo PU for CHE ya pele ka 1950.

Patlisiso ya ga Potgieter ke ka ga fisika ya tlholego ya helioseperiki mme thata tiro ya letsatsi ka mo marannyeng a letsatsi mo marannyeng a kosemiki le mo tlholegong ya dinaledi e e gaufi. Tse di balela le patlisiso ya bosa jwa lefaufau le kelaemete ya lefaufau. Ditiro tse dintsi tsa gagwe ke go bopa ka dipalo popego ya lefaufau la heliosekopiki le ditiro tsa marang a kosemiki di le dikarolonyana tse di fetotsweng ka mo heliosefere le ditiragalo tsa fisikale tse di di amang.

Dimotlele di bapisiwa mme di lekiwa go bapa le tse di bonwang ke difofalefaufau tsa Voyager ya NASA le Ulysses ya ESA tse di lebelelang heliosefere go tswa mo lefatsheng le bofelo jwa heliosefere le go dikologa le letsatsi. Go ya ka ditumelano tse dintsi tsa patlisiso, setlhopha sa fisika ya heliosefere(mo go balelwang le Baporof Harm Moraal, Adri Burger le Stefan Ferreira) se fana ka thuso le thuto e ntsi ka mo fisika ya heliosefere go kgona go tlhalosa tse di bonwang le go ka dira diponelopele tse di ka bonwang ke difofalefaufau,ga bua Potgieter.


Moporof. Marius Potgieter

