Baithuti ba YBB ba bopa sediriso se se tsholetsang digwele






POTCHEFSTROOM  Baithuti ba Boenjineri jwa Bomethini ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba dirisitse boitseanape jwa bone ba dilemo di le supa go ka thusa gore baoki ba mo Sepetlele sa Witrand ba se tlhole ba tlholwa ke tiro ya go tlhapisa digwele.

Go ya ka Ngaka Ebrahim Sooliman, Motlhankedimogolo wa tiragatso wa Sepetlele sa Witrand sediriso se tla dirisiwa go thusa thata ka kalafo ya digwele.  A re kalafo le kemo nokeng ya digwele e tokafetsa thata go ka kgona go ba fodisa gore ba kgone go tsaya kemo ya boikarabelo gape ka mo morafeng le mo bophelong.

Go ya ka Mor. Johan Roberts, motlhatlheledimogolo wa Boenjineri jwa Bomethini porojeke e ne e siametse katiso le thuto mme go ne go le botoka go feta ka gore go thusitse le ditlhokego tsa morafe. Badiredi ba baoki ba kwa Sepetlele sa Witrand ba ba thusang ba ba digwele thata ba tla thusega gagolo ka gore ba ka se tlhole ba itematsa mekwatla fa ba batla go tsenya le go ntsha digwele ka mo dibateng.

Sediriso se sa quadrulift se bopilwe ka thuso ya difisioterapi le ditiroterapi le baoki ka se e ne e le karolo ya dithuto tsa baithuti ba boenjineri go dirisa kitso le teori ya dithuto tsa bone tsa dithulaganyo le dipopo tsa meganiki le go dirisana tse tsotlhe mmogo.  Mabaka a a tshwanang le go tshegetsa, go tlhokomela tlhwatlhwa, bogolo jwa sediriso le bontle le bokgoni jwa go ka di betla di ne tsa akangwa tsotlhe.

Setlhopha sa baithuti, JP Steyl, Henry Townsend, Thys Uys, Le Roux van den Berg, Jaco Vermaak, CJ Vos, Justin Willemse le Jaco Wood ba ile ba tla ka kakanyo ya popo e e ileng ya kgotsofatsa baitsegotlhe ba Witrand go ka arabela ditlhokego tsa bone.  Lucas Pitso o ile a bopa bogolo jwa sediriso sa ntlha sa teko mme a e aga mme ba dira diteko. Mo selemong se se latelang Gideon Jacobs a e bopa mme a e fetsa mme a baakanya diphoso mme a tokafatsa fa le fa mme a dira diteko tse dingwe. Mor Thabo Diobe, motegeniki wa fakalthi o ile a ema baithuti nokeng ka go bopa sediriso.

Quadrulift e arabela le dikopo tsa SABS tse di reng gore sediriso se se nang le gagamalo e e kwa tlase ga 12 V e ka tsengwa mo godimo ga bata. Sediriso sa go tsholetsa se ka tsholetsa 120 kg mme e ka fitlhelela dimetara tse 1,6 m mme e ka thika 190.



Quadrulift e ile ya bontshiwa mme ya tlhalosetswa badiri ba Sepetlele sa Witrand ka nako ya go e ba fa semmuso. Fa go na le barena Johan Roberts, motlhatlheledimogolo wa Boenjineri jwa Bomethini, Thabo Diobe, Motegeniki wa mo Sekolong sa Boenjineri jwa Bomethini, mme Catherine Motitimi, mooki, ngk Ebrahim Sooliman, CEO wa Witrand, le mme Annetjie du Bruin, Motsamaisi wa Baoki kwa Witrand.





