YBB e bopa thulaganyo ya bata ya digwele le balwetsi






POTCHEFSTROOM  Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) a abetse ya ntlha ya dibata tsa digwele mo go tse pedi go ya go ntlo ya Aandblomtuiste kwa Strydenburg.

Bata e ya Quadro ya digwele e betlilwe ke baithuti ba Boenjineri jwa Mekhenikale ka mo Khampaseng mo porojekeng ya bone ya go diragatsa kitso ya bone ka mo tikologong ya dithuto ya Boenjineri jwa Dithulaganyo.  Bata e bopilwe go thusa baoki ka balwetsi le digwele go tlhokomela gore baoki ba ba se utlwise mekwatla ya bone botlhoko.

Go ya ka Moporof Johan Roberts, motlhatlheledimogolo wa Boenjineri jwa Mekhenikale, o tlhophile porojeke e ka gore e ne e siame go tsamaisana le kitso e ba nang le yone mo ngwageng ya bone ya boraro le ya bone mo dithutong tsa bone mo Boenjinering jwa Mekhenikale.

Popo ya ntlha e ne e bopilwe ke Ricus Coetzee le JJ Groenewald mme morago ya tokofatswa ke Gert van Eeden, Jacques Silvis le Corrie du Plessis mo ngwageng e e latelang.  Ka 2006 Francois de Waal o ile a fetsa popo ya ntlha ka go e tokofatsa go feta gape mme go tlhomamisa gore e sireletsa le pabalesego ya balwetsi le digwele le go tokofatsa le moelo wa metsi go tswa mo bateng le go dira diteko tsa mo tirisong ka mo Witrand.

Aandblomtuiste e ne e na le tlhokego ya bata e, mme morago ga leeto mo YBB la ga Adri van der Merwe (Moithuti wa Bokhemisi) le Hennie Mar, ka bobedi ba ba tswang kwa Strydenburg, ba ne ba simolola go buisana le Yunibesiti ka ga bata.

Popego ya thulaganyo e ya bata e tla thusa badiri ba kwa Aandblomtuiste go tsholetsa le go thusa balwetsi le badudi ba ba 30, ka boima jwa mebele jwa go fitlha kwa dikilokerameng tse di 120kg, ka letsatsi gore ba kgone go dira tiro ya bone kwa ntle ga mathata.

Sekolo sa Boenjineri jwa Mekhenikale ba ne ba akanya go abela bata e ya ntlha ya teko go Aandblomtuiste ka se e le tirelo ya bone go merafe ka bophara.  Le fa go le jalo gore bata e sa le ya teko le go tlhabolola khumo e e ka dirisiwa ka katlego e kgolo kwa Aandblomtuiste.


