Neeletsanyo ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle e a tokofatswa






VANDERBIJLPARK  Sekolo sa Dipuo ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e godisitse kharikhulamo ya teng ya ngwaga ya boraro go ya kwa dithutong tse di ratiwang thata tsa Dithuto tsa Neeletsanyo e mo khampaseng e e leng serutwa se segolo sa meijara mo Khampaseng e.

Mokaedi wa Sekolo, Ngk Jan-Louis Kruger, o tlhaloseditse go re: Go tloga ka 2000 Sekolo se ntse se fetola katiso ya teng go arabela ditlhokego tsa mmaraka.   Go tshwana le kgodiso ya porokerama ya Puo ya Tiriso go fitlha kwa maemong a PhD, le tlhomelo ya Dithuto tsa Neeletsanyo go nna meijara di na le maikaelelo a go fa baithuti ba ba fetsang ba ba tla nang le bokgoni jwa go fana ka diphetogo tse di kgolo mo merafeng ya rona ya dipuo tse dintsi le ditlhokego tsa neeletsanyo mme ba ne le tshono e kgolo go ka bona diphatlhatiro.

Dimojulu tse dinthwa le tsa jaanong jaana tsa Neeletsanyo di thusa Sekolo sa Dipuo mo dikharikhupamong tsa teng tsa dipuo, dipuo tsa tiriso le tse dingwe tsa dikharikhulamo tsa BA ka dirutwa tse dikgolo tsa Hisitori kapa Dithuto tsa Dipoletiki tsa dirutwa tsa meijara.  Go fitlhela dirutwa tse di golela go fitlha kwa maemong a Onase ka mo khampaseng ya Vaal Triangle, baithuti ba tla ikopela go dira dithuto tsa bone tsa Onase ka kwa khampaseng ya Potchefstroom.

Baithuti ba ngwaga ya ntlha ka mo dithutong tsa Neeletsanyo ba dira dimojulu tsa matseno tsa media ya batho ba bantsi le bojenale.  Baithuti ba ngwaga ya bobedi ba dira dimojulu tsa media ya dikorporatifi, kgatiso le dithuto tsa difilimi mme ba ngwaga ya boraro ba rutiwa dimojulu tse di farologaneng tsa bontle jwa go bona le go utlwa, mefutaya medi ya go bopa ka dikerafo, mekgwa ya go batlisisa, bojenale jwa dikorporatifi, le neeletsanyo ka dimedia tse di farologaneng.

Baithuti ba ditikologo tse dingwe tsa go ithuta ba amogelwa go ka tsaya dirutwa tsa Neeletsanyo go ikhumisa.  Go ka bona tshedimosetso e e tseneletseng o ka ikopantsha le Christine van Aardt kwa (016) 910 3463.


