Sekolo sa Kgwebo se ruta porokerama ya MBA e e tlotliwang lefantshe ka bophara






POTCHEFSTROOM  Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom(Potchefstroom Business School (PBS)) ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e amogetse kgwetlho ya tikologo e e kopang thata ya dikgwedisome ya 21 ka porokerama ya teng ya MBA e e setseng e itsege e le e e tlang ka maitemogelo a a phelang a dikarabo tsa kgwebo tsa bophelo jwa nnete le mabaka le ditshono.

Porokerama e e kwadisitsweng semmuso gotlhe-gotlhe ke thuto e e tseneletseng e e bopilweng ka tiro e e bophara le mabaka a a bophara mo bophelong jwa kgwebo. Filosofi kapa kakanyo ya dikarabo tsa Kgwebo tsa maitemegelo se fa baithuti bokgoni jwa go dirisa kitso e ba e amogetseng kwa ntlhe ga go senya nako ka mo lefelong la tiro.

Ka go nna sekolo sa kgwebo sa maemo le se se lekanyeditsweng boleng ka mo mmarakeng ya di-MBA tsa mo Aferika Borwa, PBS e fetotse ditogamaano le dikoketso tsa teng tsa porokerama ya yone ya MBA go oketsa boleng jwa yone mo mmarakeng. Go bopa senthwa karikhulama ya porokerama ya MBA, le go tsenya dikolo tsa go ruta bokgoni, go dirile gore go oketse le phisego ya Fakalthi ya Ekonomi le Tsamaiso go twelela go na le boetapele ka mo dithutong tsa kgwebo le tirisanommogo ka go dirisa thulaganyo ya mofuta wa go ruta wa go tlhaolela baithiti mo ditlhopheng tsa disindikeiti.

Ke ka kgatlhego e kgolo e ke bayang setempe sa me sa kamogelo ka mo khosong e e fang baithiti ba MBA bokgoni le kemo nokeng go ka kgona go bopa le go tsosa setso sa tswelelopele le kakanyo ya botogomaano mo dikgwebong le sitheong tsa bonoe, ga bua Moporof Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS.

MBA e rutiwa ka Seesimane ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle mme ka Seaferikanse ka mo Khampaseng ya Potchefstroom, ka porokerama ya nako e e seng ya ruri ka popego ya go ka arabela ditlhokego tsa bathapi.  Batho ba ba nang le kgatlhego ba ka tlatsa diforomo tsa kopo ya go ka ikwadisa ka mo inthanete kwa (www.nwu.ac.za/p/pbs (Link: http://www.nwu.ac.za/p/pbs)).  Dikopo tsotlhe tse di amogelwa di tlile go tlhaolwa ka go lebelela dipampiri mme botlhe ba tla fetisiwa mo tekong ya Kamogelo ya SHL e e atlholang bokgoni jwa tsamaiso.

Go ka amogela tshedimosetso e e tseneletseng, ikopantshe le Cornelia Veldman kwa (018) 299 1413 / Cornelia.Veldman@nwu.ac.za (Link: mailto:Cornelia.Veldman@nwu.ac.za), kapa Moporof Ronnie Lotriet kwa (018) 299 1406 / Ronald.Lotriet@nwu.ac.za (Link: mailto:Ronald.Lotriet@nwu.ac.za).



Moporof Tommy du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom


