YBB ke moetapele ka mo patlisisong






POTCHEFSTROOM  Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela malobanayana e ne ya bula sebebofatsi se e leng sa ntlha mo lefatsheng la rona le ba tlileng go ithuta tiro e e diriwang ke kgotlhelo ya mowa mo dimeleng.

Dikamore tse tse di bidiwang dikamore tsa Open-Top(OTCs) di betlilwe ka mokgwa o o tla bontshang gore dimela di itshwara yang ka mo tikologong e e tsamaisiwang e e leng gaufi le tikologo ya tlholego e di phelang mo go yone.  Dikamore tsa OTC di akatswe mme di agilwe ke Moporof Gert Krger, mofisioloji wa dimela wa Khampase ya Potchefstroom, gammogo le baithuti ba gagwe.

Patlisiso ya ga Moporof. Krger le baithuti ba babedi ba gagwe ba morago ga didikerii, Pieter Smit le Elmien Heyneke, ba lebelela thata fisioloji ya kgatelelo ya dimela go leka go bona gore dimela d itshwara jang fa di gatelelwa ke kgotlhelo ya mowa mme ba ithute ka ga motheo wa fisioloji le biokhemi ya tse. Tshedimosetso e e tlhokega thata go ka kgona go baya melao ya kgotlhelo ya mowa mo Aferika Borwa.

YBB e biditswe leina go nna senteramo e e emang nokeng ditiro tsa Air Pollution Information Africa (Apina) ka mo Borweng jwa Aferika. Patlisiso e e kopantshitswe le ya khemi ya lefaufau ka mo tlase ga boetapele jwa ga moporof Kobus Pienaar, Diini ya Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego.

YBB e beile thoko madi a kana ka dimileone di le R1,4 ka mo porojekeng e.



Dikamore tsa Open-Top tse di agilweng go bona se kgotlhelo ya mowa e se dirang ka dimela, di tlhometswe semmuso fela maloba. Fa re bona baporof Leon van Rensburg (Bosaense jwa Tikologo), Gert Krger (mofisioloji wa dimela), Maritte Lowes (Motlatsamoreketoro: Akatemi), Amanda Lourens (Mokaedi: Thuso ya Patlisiso) le Annette Combrink (Moreketoro: Khampase ya Potchefstroom).


