YBB e tlhatlhosa Thutabooki mo Aferika






POTCHEFSTROOM  Sekolo sa Thutabooki ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  fela maloba se rulagantshe khongerese ya bosupa ya ngwaga le ngwaga gammogo le Yunibesiti ya Malawi  ya Tau Lambda-at-Large Chapter - Delivering Evidence-Based Nursing and Midwifery in Africa  kwa Llongwe kwa Malawi.

Tau Lambda ke mokgatlho wa tlotlo e kgolo ya barutabaoki mme ke karolo ya Sigma Theta Tau International (STTI). Ditokolo tsa okgatlho di kopiwa go dumelela botokolo mme batho ba ke ba ba diporosente di le 30% tsa ba ba itlhaolang le baetepele ba thutabooki.

Ka nako ya khongerese moporof Sebi Lekalakala-Mokgele o tlhophilwe go nna Motlatsa-poresidente wa Tau Lambda (2007  2009).  Mokaedi wa Sekolo sa Thutabooki, moporof. Hester Klopper, go tloga ka 2005 ke ene mokwaledi le motsholamatlotlo.

Tau Lambda e dirisana le STTI ka ponelopele go tlhatlhosa boetapele, bosaense mo tirong, thuto le patlisiso.  Phitlhelelo e e botlhokwa thata ya khongerese ya kwa Malawi e ne e le Pego ya Malawi e e beileng togamaano ya go tshegetsa barutabaoki le basadi ba bathusapelego mo Aferika le go tlhabolosa thutabooki go tlhomamisa gore tirelo go merafeng e na le bokgoni jo bo tlhokegang.

Khongerese ya Tau Lambda e e latelang e tla tshwarelwa kwa Eldoret, kwa Kenia ka Phukwi 2008.



Go tswa mo molemeng go ya mojeng go na le moporof Judy Bruce (Moporesidente yo o tlhophilweng wa Wits), mme Marjorie Ngaunje (Tona ya Boitekanelo wa Malawi), moporof Hester Klopper (YBB) le ngk Naomi Seboni (Moporesidente wa Yunibesiti ya Botswana).


