Popo e nngwe e e leng ya ntlha ya go bula tsela ya thekenoloji e aga mowa wa YBB wa poponthwa






POTCHEFSTROOM  Sediriso e e gakolosang tshipi ka bonako le ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme e e tokofatsang thekenoloji ya go gotsetsa ya endakhene se dirile gore Monique Coffee, moithuti wa ngwaga ya 4 wa boenjineri jwa motlakase mo Khampaseng ya Potchefstroom mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima, a amogele kabelo e kgolo le kemo ya ntlha mo kgaisanong ya  Sethaba ya Poponthwa ka madi a kabelo a R50 000.

Kabelo e amogetswe ka 18 Diphalane 2007 ka moletlo o montle ka mo Galerei ka mo Khampaseng ya Potchefstroom.
Boikwadiso jwa gagwe e ne e le onto ya endakhene ya mikro e e leng sediriso se se gakolosang tshipi ka bonako ka tlhwatlhwa e e kwa tlase kwa ntle ga go dirisa molelo kapa se se gotetsang.  Se dirisa endakhene ya makanete ya motlakase.  Thekenoloji e e dirisiwa thata ka mo intasetering ya bo-rrameno le mo go ba ba betlang dibenya.  Se se dirang gore tiro ya ga Monique e nne e e itlhaolang ke gore ka go dirisa thekenoloji e nngwe e e tshegediwang ke YBB e e leng ya patente ya eleketeroniki e e tshwaragantshwang, o na le tshono ya go ka tokofatsa dionto tsa endakhene go feta gagolo. Boima le tlhwatlhwa ya dionto di tlile go ya kwa tlase ka gore thekeniki e ya gagwe e fokotsa thata dikarolo le mehamo e e dirisiwang go bopa sediriso kapa onto e.

Kemo ya bobedi ya madi a kana ka R30 000 mo kgaisanong e bonwe ke Pieter Vergeer, Gareth Stott le Wynand Cilliers. Bone ba bopile thulaganyo ya theipi go tsenya peo, monontsha le sebolayaditshenekegi ka mo dikgetsaneng tse di telele gore o kgone go di katela mme di mele ka gotlhe se se tlhokegang.  Popo e ya bone e bidiwa UNBUNTape.  E bopilwe ka pamiri e e reng fa e katelwa e mele. Mmaraka e e lebeletsweng ka popo e ke ya dithingwana tsa merafe mo bathong ba ba se nang kitso le tlhaloganyo ya go ka jwala ka tshwanelo.  Khumo e e tla rekisetswa mekgatlho e e thusang ka mo merafeng e e tlhokang thuso.

Kemo ya boraro ya madi a kana ka R20 000 e abetswe Ruan van den Heever yo o bopileng APMS Real Time Heart Monitor. Se ke mothini wa khomputara o o lekantshang dipelo mme o tshwantsha dikardiokerama tsa baatelete ba ba ikatisang ka nako e ba ikatisang ka yone mo mabaleng.

Bafenyi ba bararo ba ba fetela kwa kgaolong ya bobedi ya Kgaisano ya Sethaba ya Poponthwa mme ba tla kopana le bafenyi ba ditheo tsa thutogodimo tse dingwe tsa mo Aferika-Borwa.  Bafenyi ba bangwe ba mo karolong ya ntlha ya kgaisano ke ba ba latelang: Dale du Plooy le Ziegfried van Huyssteen ka popo ya Nemo Key Ring, e e ka thusang go bona didiriso tse di latlhegileng ka mo ntlong, Ruth Davies le Heinrich Schultz ka Shpinx Security, thulaganyo ya pabalesego e e go romelang SMS fa ditako tsa gago di utswiwa le Tony Plotz ka Ubuntu Sports Consultants, e e leng porokeramo ya khomputara e e lekantshang boitekanelo jwa batshameki ba  metshameko fa ba tshameka mme e rulaganye repoto ya bone ka nako e ba tshamekang ka yone.

Ngk. Theuns Eloff, Motlatsa-mokhansaliri wa YBB o rile gore bafenyi ba ka dipoponthwa tse tsa bone ba thusa go netefatsa ponelopele ya yunibesiti e e leng go nna Yunibesiti ya ketapele ka mo Aferika e e kgweediwang ke kakanyo ya kitso le poponthwa.

Kgaisano ya Poponthwa(NIC) e emelwa ditshenyegelo ke Lefapha la Bosaense le Thekenoloji go tlhotlheletsa thekenoloji le poponthwa ka mo ditheong tsa Thutogodimo tsa mo Aferika-Borwa.



Ba ba neng ba le teng ka moletlo wa dikabelo go tswa mo molemeng ke go tswa mo molemeng: Ruan van den Heever (mofenyi wa maemo a boraro), Monique Coffee (mampodi), Pieter Vergeer (mofenyi wa maemo a bobedi), ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhansaliri wa YBB, moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom (YBB), Gareth Stott (mofenyi wa maemo a bobedi), Wynand Cilliers, (mofenyi wa maemo a bobedi) le moporof Maritte Lowes, Motlatsa moreketoro: Akatemi, Khampase ya Potchefstroom (YBB).


