Sharp innovators reap rewards






Dikakanyo tse dinthwa le ditsela tse dinthwa tsa go dira dilo di ne tsa abelwa meputso e e humileng kwa moletlong wa dijo tsa bosigo o o neng o tshwaretswe mo nakong e sa tswang go feta kwa bafenyi ba Kgaisano ya Dikakanyonthwa ba Yunibesithi ba neng ba bolelwa teng.

Kabo e, ke karolo ya patlo e e anameng naga ka bophara ya go tsomana le moithuti yo o nang le bokgoni jwa go tla ka dikakanyo tse dinthwa go gaisa botlhe. Maikaelelo a Kgaisano ya Bosethaba ya Dikakanyonthwa e e tshwarwang ke ba Letlole la Bosethaba la Dikakanyonthwa le le ka ga dikakanyonthwa tsa thekenoloji ke go tsweletsa bopakakgwebo ka go gwebisana ka dikakanyo tsa bapakakgwebo ba e sa ntseng e le bawa.  

Paulus Kruger, Barend Visser, Okkie de Jager le Gerhard Moerdyk o fentse moputso wa ntlha mo porojekng ya gagwe ya , Automobile Ignition System; Uys Jonker, Johannes Bosman, Riaan de Bruyn le Attie Jonker, mo porojekeng ya gagwe ka ga JSI Revelation, Roelf Botha, Barend Visser, Okkie de Jager, Gerhard Moerdyk mo porojekeng ya gagwe ka ga Hardware Number Generation. Bafenyi ba ba kwa godimo ba Yunibesithi ya Bokone-Bophirima ba fentse R 50 000, R 30 000 le R 20 000 mongwe le mongwe ka go latelana. Ka tlhamalalo ba tla tsenngwa mo Kgaisanong ya Bosethaba ya Dikakanyonthwa mo ba tla bonang sebaka sa go fenya meputso e megolo go feta mme ba nna le thono ya gore go gwebisanwe ka dikakanyo tsa bona ka thuso go tswa go baabi ba matlole ba ba ka nnang teng le ba Ofisi ya Matlole a Bopakakgwebo ba Dikakanyonthwa.

Go ya ka Rudi van der Walt wa Ofisi ya Dikakanyonthwa ya Setheo, tsibogelo ya kgaisano e ne e fetile se se neng se solofetswe. O rile: Tsekedi ya rona, be sharp  innovate, e ne e tshela e le tota mo kgaisanong e. Go bolelwa fa e tla gola tota mo isagong.   



