YBB e abela kabelo ya Helgaard Steyn go motaki yo o itsegeng






Motaki yo o itsegeng wa Aferika-Borwa Bronwen Findlay ke moabedi wa kabelo e e tlotlegang ya Helgaard Steyn ya madi a kana ka R150 000.

Motaki o amogetse kabelo go tswa go Mme Hanneli Rupert-Koegelenberg, tokolo ya Khansele ya YBB le moemedi wa Terasete ya Helgaard Steyn ka mo moletlong o o neng o tshwaretswe ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka 17 Diphalane 2007. 

Mme Findlay, motlhatlheledi wa nakwana wa Diatshe kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ), yo o neng a tshwere pontsho ya gago ya ntlha ka 1977, a re o itumetse thata ka tshoganyetso e ya kabelo mme a re o tlotlegile gagolo ka kabelo e.

Ke bontsha ditiro tsa me gangwe le gape morago ga dileme tse di mmalwa mme ke rata go dira tiro ya me ke lebeletse pontsho e e rileng" a bua.  Le fa ditiro tsa gago di bontshiwa nako e ntsi kwa Gauteng le kwa Durban, ditshwantsho tse dingwe tsa gagwe di setse di tswa go bontshiwa ka dipotsho tsa ditlhopha ka kwa moseja

Kabelo ya Helgaard Steyn ngwaga le ngwaga, ka go tlodisa ngwaga e abelwa go motlhami wa mmino, motaki, mokwadi kapa moseti. Ngwaga le ngwaga morago ga dingwaga tse pedi YBB e kopiwa go bitsa moatlhodi wa Terasete ya Helgaard Steyn.  Ngk John Botha, motlhatlheledi wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB o nnile mongwe wa baatlhodi ka 2007.  Baatlhodi ka ene e ne e le Ngk Lydia de Waal, Mokaedi wa Galeri ya Sasol kwa Stellenbosch, gammogo le moporof Dirk van den Berg wa Yunibesiti ya Foreisetata.

Baatlhodi ba bona mme Findlay a itlhaotse mme a bontshitse boleng ka tiro ya gagwe fa di bapisiwa le ditiro tsa dikabelo tsa pele tsa Helgaard Steyn.  Ba re tiro ya gagwe ya All about everything, e kgona go kopantsha ka mokgwa o o makatsang le o montle go tlhalosa le go ruta molaetsa wa boikarabelo le bonnete. Go ya ka baatlhodi Bronwen Findlay ke motaki wa nnete yo o itsegeng mme ditako tsa gagwe di emela boleng jwa tiro le go bontsha bokgoni jwa dingwagangwaga.

Sepe se se dirilweng ke motaki yo mo bophelong jwa gagwe jwa tlotlo, se ka tlhaloswa ka go re ke tiro ya tlwaelo, le fa go le jalo o amogela phisego le maitemogelo a gagwe a botaki go tswa mo dilong tsa tlwaelo tsa bophelo tse di re dikologang.

Tako e e mo fileng kabelo ya bogolo jwa 2 x 3,6 m, ka pente ya oli mo leseleng, jaanong jaana ke karolo ya kgobokantsho ya Standard Bank kwa Morningside, Johannesburg. Mo motakong o motaki o tlisetsa mmaagwe yo a tlhokofetseng tlotlo.  .Motako o na le didiriso tse di farologaneng tse di neng di le botlhokwa mo go mmaagwe, tse di gatelelang dilo tsa tlwaelo tsa bophelo.

Ka selemo sa 2006 Kabelo ya Helgaard Steyn e ne e abetswe go motlhami wa mmino yo e leng Roelof Temmingh ka tlhamo ya gagwe ya Kantorium. Kabelo ya ngwaga e e tlang e tlile go abelwa gape go mokwadi yo o itlhaolang.



Ba ba neng ba le teng ka mo moletlong wa kabelo ke go tswa mo molemeng, Moporof  CFC van der Walt, Mokwaledi wa Setheo wa YBB,  Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB, Mme Hanneli Rupert-Koegelenberg, Tokolo ya Khansele ya YBB le moemedi wa Terasete ya Helgaard Steyn, Mme Bronwen Findlay, motaki, le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-mokanseliri wa YBB.

