YBB E ABELA BABOPI BA BASWA






POTCHEFSTROOM  Mowa wa poponthwa wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne wa bonagala gape e rile bafenyi ba kgaisano ya Babopi ba Bawa ba bidiwa maina go amogela dikabelo tsa bone mo moletlong o montle ka 18 Diphalane 2007 ka mo Galeri ka mo Khampaseng ya Potchefstroom.  Kgaisano e e ne e tlhometswe ke Uniti ya Poponthwa.

Hans Viljoen, morutwana wa Gerata ya 12 wa Sekolo se se kwa Godimo sa Gimnasium o bone lefelo la ntlha ka mo kgaisanong ka madi a kana ka R2 000 lebone la persepekese e a e bopileng.

Ofelia Andrade le Simone Pears, barutwana ba Gerata ya 11 go tswa go Potchefstroom High School for Girls, ba dule mo lefelong la bobedi le mo go la boraro ka madi a kana ka R800 le R300.

Go botlhokwa mo go rona go lemoga babopi ba banthwa ba sa le batha le go ba tlotlheletsa le go ba tlhabolola ka gore ke bone babopi ba banthwa ba ka moso ga bua morulaganyi wa kgasano yo e leng mm Susan van Rooyen wa Ofisi ya Poponthwa.

Pele ga kgaisano babopi ba banthwa ba ne ba katisiwa mo Open Caf ka mo Potchefstoom go dirisa diporokeramo tsa Linux go bopa mabone. Dipopo tse morago tsa isiwa kwa Fakalthi ya Boenjineri ka mo laboratoriamo ya poponthwa (FabLab) ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB mme dipopo tsa fetswa ka thuso ya diporokeramo tsa Opensource, mme morago ga mole persepekese ya segiwa ka sesegi sa lasara sa nepagalo sa CO2.

Open Caf ke khefi ya inthanete e e sa lebelang kgwebo e e fanang ka katiso, tsamaiso le kemo nokeng ya ditegeniki tsa diporokeramo tsa Open Source, mme FabLab ke bebofatsi ya maemo a lefatshe mo batho, bana ba sekolo go ya go baenjineri , ba ka dirisang didiriso tse di rileng  tse go ka bopa sengwe le sengwe mme ba e tlhabolola mme ba e leka go fitlhela e dira sentle.

Kgaisano e ya Babopi ba banthwa e tsamaisana le Kgaisano ya Poponthwa ya Lefapha la Saense le Thekenoloji ya baithuti e ba e tsamaisang. 



Ka mo moletlong wa go ntsha dikabelo go ne go na le, mo pele go tswa mo molemeng mor Pieter Tolmay wa FabLab, Jessica Brink, High School for Girls, Potchefstroom, Simone Pears, High School for Girls, Potchefstroom, mme Susan  van Rooyen, Ofisi ya Poponthwa, YBB, mme Anna Dani, Open Caf, Ofelia Andrade, High School for Girls, Potchefstroom, le Johan Heath, Hor Tegniese Skool, Potchefstroom. Kwa morago go tswa mo molemeng ke Dawie Botha, Hor Tegniese Skool, Potchefstroom, Sarel Coetzee, Hor Tegniese Skool, Potchefstroom Innes Coetzee, Hor Tegniese Skool, Potchefstroom, Hans Viljoen, Horskool Gimnasium, Potchefstroom, (mofenyi wa kgaisano).


