Tlotlo e kgolo e wetse batlhatlheledi ba babedi ba YBB






POTCHEFSTROOM - Batlhatlheledi ba babedi ba ba juniara ba Sekolo sa Thuto ya Barutabana e e Tswelelang ba mo Khampaseng ya Potchefstroom ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba tlhophilwe go amogela dibasari tsa go ithuta go tswa kgakala go tswa kwa Common Wealth Commission ka kwa United Kingdom.

Mme Noziphiwo Kgati le Mor Titus Williams ba tlhophilwe go tswa mo go ba ba ka nnang 800 ba ba neng ba kopile go tswa mo Aferika go ka ithuta didikerii tsa bone ka mo Thutong ya go ka Tshegetswa kapa ka Seesimane - Education for Sustainability, mme ba tla nna karolo ya baithuti ba ba 20 ba ba tlhophetsweng khoso e.

Batlhatlheledi ba babedi ba ba tla dira dithuto tsa bone tsa MSc mo dilemong tse nne tse di tlang ka go ithutela kgakala gammogo le South Bank University ya kwa London.

Diini ya Fakhalti, Moporof Petra Engelbrecht le Mokaedi wa Sekolo, Moporof Manie Spamer, ba ile ba bitsa maina a batlhatlheledi ba mme ba ba tlhotlheletsa go ikopela dibasari tse.

Mme Kgati jaanong jaana ke motlhatlheledi wa juniara wa Katiso ya Tsamaiso ya Thuto le Bokgwebonthwa ka mo porokerameng ya YBB ya go ruta barutabana ba ba kgakala.  Mor Williams jaanong jaana ke motlhatlheledi wa juniara wa Hisitori le Thutafatshe, le ene ka mo porokerameng ya YBB ya go ruta barutabana ba ba kgakala.



Mor Titus Williams le Mme Noziphiwo Kgati fela maloba ba amogetse kabelo ya dibasari tsa go ithuta o le kgakala go tswa go Commonwealth Commission ka kwa United Kingdom.

