YBB e bona tshono e kgolo ya papatso mo sekgeleng sa Curriecup






POTCHEFSTROOM  Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e amogetse tlotlo ya go ka nna moemeladitshenyegelo wa marukgwe a baleetsadiphala ba kgaisano ya Curriecup.

Boemeladitshenyegelo jo bo ile jwa itsisiwa ka Mokete wa Banna wa Setheo sa Rakabi sa YBB go tswa go mor Steve Meintjies, modulasetulo wa Mokgatlho wa Baleetsadiphala ba Aferika-Borwa.  Mor Theo Cloete, mokaedi wa Papatso le Neeletsanyo wa mo khampaseng ya Potchefstroom o ile a bona phenyo e ka go tshwara dipuisano tse di tsweletseng sebaka le Yuniene ya Rakabi ya Aferika-Borwa.

Papatso e e rileng e e na le maikaelelo a go itsisa Letswaokgwebo le lenthwa mme baleetsaphala ba ba itsegeng thata jaaka Jonathan Kaplan, Marius Jonker, Craig Joubert, Mark Lawrence, Willie Roos en Jerome Fortuin, ba tla apara marukgwe a a nang le Letswaokgwebo  la YBB-PUK ka nako ya dikgaisano tsa Curriecup mo dingwageng tse nne tse di tlang.

Metshameko e ka nna e meraro ya Curriecup e gasiwa ka mo thelebiheneng mafelo a beke le beke mme Letswaokgwebo le lenthwa la YBB-PUK le tla bonwa diura tse nne.



Se ke borukgwe jwa Baleetsaphala ba Aferika-Borwa bo bo duelwang ke Khampase ya Potchefstroom ya YBB.  Bo ne jwa bontshiwa ke bomme Hannatjie Visagie le Annemari Hefer go tswa mo Lefapheng la Papatso le Neeletsanyo.


