YBB e tsena Simposiamo ya Ngwaga le ngwaga ya Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe






POTCHEFSTROOM Mowa wa go ruta le ya poponthwa ya nyutlelia ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne wa lebelwa thata kwa Simposiamong ya Ngwaga le ngwaga ya Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe ya bomasotharo pedi e e neng e tshwaretswe Queen Elizabeth II Conference Centre, London, United Kingdom.

YBB e ne e le yone fela Yunibesiti ya mo Aferika Borwa e e neng e rometse thomeletso mme e e nang le botokolo ba Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe le Yunibesiti ya Nyutlelia ya Lefatshe.

Thomeletso ya Sekolo sa Morago ga didikerii sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri ya mo Khampaseng ya Potchefstroom e ne e emetse yunibesiti ka mo simposiamong ka mo bomaitsegotlhe ba neng ba buisana ka ga melebo ya baetapele ba intaseteri ya nyutlelia, mmaraka ya motlakase wa lefatshe  theleso le tlhokego 2007-2030, tiro ya motlakase wa nyutlelia go tlisa theleso ya motlakase e e tswelelang, go bopa thulaganyo ya intaseteri e e tshepegang ya tsosoloso ya nyutlelia, mebaraka ya nuclear renaissance, mebaraka ya yureniamo le mogatla wa sediko sa motlakase.

Sekolo sa Morago ga didikerii sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri se ikgolagantshe go godisa le go tlisa baenjineri ba nyutlelia ba ba arabelang maemo a lefatshe le go feta. Simposiamo e ne ya bula ditsela tsa ditshono le ditirisanommogo tsa patlisiso, thuto le katiso. Go nna teng ga thomeletso ya Yunibesiti ga go a bontsha fela boetapele jwa Yunibesiti ka mo thutong ya yone ya nyutlelia mo Aferika Borwa  mme le maikaelelo a yone a go dula mo lefelong la ntlha kwa pele ka mo ditlhabololong tsotlhe tse dinthwa tsa nyutlelia ka mo intasetering e.



Dithomeletso go tswa mo lefatsheng ka bophara di ne di rometswe kwa sipmosiamong ya Tshwaragano ya Nyutlelia ya Lefatshe. Wa bobedi go tswa mo molemeng ke mme Elmarie Bester, moneeletsanyi wa Sekolo sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri.

