PUKfm ke seteihene ya mampodi ka mo Bokone-Bophirima






PUKfm, seteihene sa morafe sa mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e apesitswe e le mampodi wa mo Bokone-Bophirima ka go amogela kabelo go tswa go Sonitus Community Radio Awards.

PUKfm (e e leng ka mo 93.6 fm), gape e ne e le mo go ba ba lesome ba ba kwa pele ba diseteihene tsa merafe mo sethabeng mme jaanong ba itekantshitse la di diseteihene jaaka Jozi fm, Eastwave Radio le Radio Kragbron.

Maikaelelo a kgaisano e ne e le go lekantsha gore diseteihene tsa merafe di tsaya karolo jang ka mo merafeng ya tsone.  Diseteihene tsa merafe di ne tsa kopiwa gore di bontshe gore ba na le poponthwa le go tlhotlheletsa ka diporokerama tse di itumedisang le go fana ka mmino o o kopiwang ke mebaraka ya bone.

 Re itumetse thata go ka fenya ka mo porofenseng.  Ke sesupo sa gore jaanong re seteihene sa nnete se morafe o ka thusang le ka dithelete ga bua mor Edohan Burger, motsamaisi wa seteihene.

Se se dirang gore kabelo e e tlotliwe gape ke gore di-DJ tsa mo PUKfm ke baithaopi mme ba diseteihene tse dingwe tsa mo sethabeng ke ba ba thaphilweng mme ba amogela madi.

Bareetsi ba PUKfm go tloga ka 1 Tlhakole ngwaga e e fetileng ba ile ba oketsa gabedi mme patlisiso e e dirilweng ka tshimologo ya ngwaga e mo Khampaseng, e bontshitse gore palo ya bareetsi e goletse go nna 10 500.

