Thusang go batla polelokhutswane ya letshwaokgwebo ya rona!






Badirimmogo le baithuti botlhe ba ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba kopiwa go tsenela kgaisano ya go bona polelokhutswane e e tsamaisanang le letswaokgebo le lenthwa la rona le le bolelang nnete yotlhe ya letshwaokgwebo mme e nne le karolo ya go tsamaisana le kitsiso le leano la go tsamaisa letshwaokgwebo le.

Leano la go itsisa le go tsamaisa letshwaokgwebo le lenthwa la YBB e mo lebelong jaanong mme e mo kereng ya topo ka gore Khansele e dumetse leano la go tlhomela letshwaokgwebo le lenthwa.  Mo dikgweding tse mmalwa letshwaokgwebo le tla simololwa go bonwa ka kgatlhego e kgolo ka makwalong, ditlhogong le mo dimateriale tsa papatso le neeletsanyo, disetifikeiti, diaparo, diaparo tsa ditirelo le mo mafelong otlhe a a tlhokang pontsho ya letshwaokgwebo.

Polelokhutswane (pay-off line) kgotsa (tag-line) ke polelwana e e neelanang ka bokao polelwana e e buang ka maemo a setheo  eo e tshotseng mmoko wa letshwaokgwebo. E tlhalosa bokao ba letshwaokgwebo ka mokgwa o o ka lemogiwang le go gakologelwa bonolo.

Polelwana ya letshwaokgwebo ya ga jaana ke ons doen dit reg, doing it right, re dira sentle mme yona e tlhodilwe morago ga momagano le pele togamaano ya letshwaokgwebo la YBB e konosediwa. Ka gonne togamaano ya letshwaokgwebo ya bofelo e setse e le teng, nako jaanong e gorogile ya gore polelwana e felegetse letshwaokgwebo le botlhokwa ba letshwaokgwebo.

Ka nako e go tlhophilweng polelwana ya letshwaokgwebo, e tla dirisiwa go Ofisi ya Setheo le dikhampase tse tharo ka mo melaetsong le ka mo go tlhomeleng ga letshwaokgwebo.

Ka kopo, klika ka mo posetareng ya kgaisano ya letshwaokgwebo ka mo tlase mme o tsenele kgaisano mme o ne le tshono ya go ka fenya R5 000 ka mo seatleng!

(Link: /opencms/export/NWU/html/gov-man/Branding/Brand_Competion_t.html)



