﻿Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom se godisa dikorporasi






POTCHEFSTROOM - Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom(The Potchefstroom Business School(PBS)) ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Ekonomi le Kgwebo sa mo Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba se tlhometse karolo ya sekolo e e lebeletseng fela dikorporasi. Moporof. Louw van der Walt, yo a bonwang e le moitsegotlhe wa kitso le maitemogelo tsa dikorporasi ke tlhogo ya karolo e.

Korporasi e nnile mofuta o o rategang wa kgwebo mo dilemong tse di fetileng. Mofuta o wa kgwebo ga se diragale fela ka mo tikologong ya bolemirui mme o ka tsaya karolo e kgolo le mo go godiseng ga merafe le mo karolong ya dikgebo tse di potlana.

PBS e itemogetse tlhokego ya katiso ya tiriso le kemonokeng ka mo karolong e le gore patlisiso e bontshitse gore bontsi jwa dikorporasi di na le mathata jaanong jaana go tswedisa dikgwebo tsa bone. Karolo e ya korporatifi e ikaeletse go dira kabelo e kgolo mo tshegetsong ya mo karolong ya dikorporasi mo Aferika Borwa.

Go ka bona tshedimosetso e e tseneletseng, ka tswee-tswee o ka itshwaragantsha le Moporof Van der Walt kwa (018) 299 1365 kapa ka eposo kwa: Louw.VanderWalt@nwu.co.za (Link: mailto:Louw.VanderWalt@nwu.co.za).



Moporof. Louw van der Walt

